Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Bagalatia 4 - Setswana 1970


Botlhanka jwa molao bo tlositswe ke Keresete

1 Mme ka re: Fa morua-boswa e sa ntse e le ngwana, o a bo a sa tshwanologe le motlhanka ka gope, le fa e le mong wa dilo tsotlhe,

2 mme o nna mo taolong ya baokamedi le batlamedi go ya motlheng o o laotsweng ke rraagwe.

3 Le rona jalo, e rile re le bana, ra bo re le batlhanka ba ba mo taolong ya dithata tsa tlhago tsa lefatshe.

4 Mme ya re sebaka se e leng sona se sena go tla, Modimo wa roma Morwaa-ona, a belegwa ke mosadi, a nna fa tlase ga molao

5 gore a rekolole ba ba laolwang ke molao, mme re tle re amogele bongwana.

6 Mme e re ka lo le bana, Modimo o rometse Mowa wa Morwaa-ona mo dipelong tsa rona o o bitsang o re: “Abba, Rara!”

7 Jaanong ga o tlhole o le motlhanka, o ngwana; mme fa o le ngwana, o morua-boswa wa Modimo ka Keresete.


Moapostolo o utlwa botlhoko ka ntlha ya go boela kwa morago ga Bagalatia

8 Le gale, mo motlheng ole o lo neng lo sa itse Modimo ka ona, lo ne lo direla medimo e e seng yona ka fa tlhagong;

9 mme jaanong, ka lo itse Modimo, ee, bogolo ka lo itsilwe ke Modimo, lo boelelang gape kwa dithateng tsa tlhago tse di bokoa tse di se nang molemo, tse lo ratang go di direla sešwa gape?

10 Lo ilela gape malatsi le dikgwedi le dipaka le dinyaga.

11 Ke a lo boifela e se re gongwe ka bo ke lo itapiseditse lefela.

12 Bakaulengwe, ke a lo rapela, a lo ko lo nne jaaka nna; gonne le nna ke ntse jaaka lona. Ga lo a ka lwa ntshiamololela.

13 Kana lo itse gore e rile ke lo rerela Efangele ga ntlha, ka dira jalo ka bokoa jwa mmele.

14 Mme se se ka bong se lo kgopisitse mo mmeleng wa me, ga lo a ka lwa se nyatsa, le e seng go se kgwa mathe; mme lo ne lwa ntshola jaaka e kete ke moengele wa Modimo, ee, jaaka Keresete Jesu.

15 Go ipela ga lona gore lo sego go kae jaanong? Gonne ke supa ka ga lona gore fa go ne go ka kgonega, lo ka bo lo gontse matlho a lona, lwa a nnaya.

16 A jaanong ke fetogile mmaba wa lona ka go lo bolelela boammaaruri?

17 Batho bao ga ba lo tlhoafalele ka mokgwa o o siameng, mme ba rata go lo kgaoganya le rona gore lo tle lo tlhoafalele bone.

18 Go siame, fa go tlhoafalelwa se se molemo ka gale, e seng fela fa ke le mo go lona.

19 Banaka, ba ke leng mo botlhokong jwa pelego gape ka ntlha ya lona, go ya Keresete a be a bopege mo go lona,

20 ke eletsa gore, nka bo ke le mo go lona jaanong, ka bo ke fetola lentswe la me; gonne ke mo tlalelong ka ntlha ya lona.


Isemaele ke sekao sa botlhanka, Isaka ke sekao sa kgololesego

21 Mpoleleleng lona ba lo ratang go laolwa ke molao: A ga lo utlwe gore molao o a reng?

22 Kana go kwadilwe ga twe: Aborahame o ne a na le bana ba babedi ba basimane, yo mongwe ka lelata, yo mongwe ka mohumagadi.

23 Yo e leng wa lelata o ne a tsetswe ka fa nameng, mme yo e leng wa mohumagadi ene ka polelelopele.

24 Dilo tseo ke setshwantsho: Kana basadi bao ba kaya dikgolagano di le pedi, nngwe ke ya thaba ya Sinai e e tsalelang botlhanka, e e leng Hagare;

25 gonne thaba ya Sinai mo Arabia e bidiwa Hagare, mme e tshwana le motse wa Jerusalema wa gompieno; ka gonne o mo botlhankeng le bana ba ona.

26 Mme Jerusalema o o kwa godimo ke mohumagadi yo e seng lelata, ke ona mmaarona rotlhe;

27 gonne go kwadilwe ga twe: “Itumele, wena moopa yo o sa belegeng, letsa mogolokwane, wena yo o sa segwang ke leralalo; gonne bana ba yo o esi ba bantsi go feta ba yo o nang le monna.”

28 Mme lona, bakaulengwe, lo bana ba polelelopele jaaka Isaka.

29 Mme le kajeno go ntse jaaka go ne go ntse mo motlheng ole: Yo o tsetsweng ka fa nameng o ne a bogisa yo o tsetsweng ka fa moweng.

30 Mme kana Lokwalo lo a reng? Lo a re: “Leleka lelata le morwaa-lona; gonne morwa lelata ga a nke a tlhakanela boswa le morwa mohumagadi.”

31 Ka moo he, bakaulengwe, ga re bana ba lelata, re ba mohumagadi yo o gololesegileng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan