Bagalatia 2 - Setswana 1970Tiro ya ga Paulo ya go ruta baheitane e tlhomamisiwa ke lekgotla la baapostolo 1 Morago ga moo, dingwaga di le 14 di sena go feta, ka ya gape kwa Jerusalema, ke na le Baranaba, Tito le ene ka mo tsaya. 2 Mme ke ne ka ya teng ke dirwa ke tshenolo, ka ba beela Efangele pele e ke e rerelang baheitane, mme ba ba kaiwang ba bagolo bone ka e ba beela pele ba le bosi, e se re gongwe ka bo ke tabogetse lefela gompieno gongwe metlha e e fetileng. 3 Mme le Tito yo o neng a na le nna, ga a a ka a patelesega go rupa, le fa e le Mogerika; 4 e le ka go ganetsa bakaulengwe ba tsietso ba ba tsentsweng ka bolotsana ba itshukunyetsa, ba tla go tlhola kgololesego ya rona e re nang nayo mo go Keresete Jesu, gore ba tle ba re patikelele mo botlhankeng; 5 bao ra se ka ra ba thibogela, le e seng ka nako e le nngwe fela go ba ikokobeletsa, gore boammaaruri jwa Efangele bo tlhomamele ruri mo go lona. 6 Fa e le bona ba ba neng ba kaiwa ba bagolo – se ba kileng ba bo ba le sona, ga ke se tsee tsia; Modimo ga o gobelelele motho ka fa ponalong – kana nna ba ba kaiwang ba bagolo ga ba a ka ba nkokeletsa sepe sa thuto. 7 Nnyaya, e rile ba bona gore nna ke laoletswe Efangele mo go ba ba sa rupang fela jaaka Petoro a e laoletswe mo go ba ba rupileng. – 8 Gonne yo o nonofisitseng Petoro mo tirong ya boapostolo mo go ba ba rupileng, le nna o nnonofisitse mo tirong ya boapostolo kwa baheitaneng – 9 ya re ba lemoga bopelotlhomogi jo ke bo neilweng, Jakobo le Kefa le Johane, ba ba neng ba kaiwa dipilara, ba naya nna le Baranaba diatla tse di jang tsa kutlwano ya gore rona re ye kwa baheitaneng, mme bone ba ye kwa go ba ba rupileng. 10 Fela ba re re gopole bahumanegi, mme ke se ke ntseng ke tlhoafetse go se dira. Paulo o kgalemela Petoro 11 Mme e rile Kefa a fitlha kwa Antiogia, ka mo ganetsa mo matlhong, ka a bonywe molato; 12 gonne ya re bangwe ba ba tswang kwa go Jakobo ba ise ba tle, a ja mmogo le baheitane; ya re ba sena go tla, a boa ka morago, a ikgaoganya nabo ka go boifa ba ba rupileng. 13 Bajuta ba bangwe le bone ba itimokanya nae, mo Baranaba le ene o bileng a faposiwa ke boitimokanyo jwa bone. 14 Mme ya re ke bona gore ga ba sepele ka fa tshwanelong ya boammaaruri jwa Efangele, ka raya Kefa fa pele ga botlhe ka re: “Fa wena yo o leng Mojuta o phela ka fa mokgweng wa baheitane, mme e seng wa Bajuta, o pateleletsang baheitane go phela ka fa mokgweng wa Bajuta?” 15 Rona ba re leng Bajuta ka fa tlhagong, re se baleofi ba ba tswang mo baheitaneng, 16 e re ka re itse gore motho ga a siamisiwe ka ditiro tsa molao, mme e le ka go dumela mo go Keresete Jesu, le rona re dumetse mo go Keresete Jesu gore re tle re siamisiwe ka go dumela mo go Keresete, mme e seng ka ditiro tsa molao; gonne ga go kitla go siamisiwa motho ope ka ditiro tsa molao. 17 Mme fa rona ka rosi, ba re batlang go siamisiwa mo go Keresete, re kaiwa ba ba leofang ka go re jalo, a ke go re, Keresete ke moetleetsi wa boleo ne? Le go ka! 18 Gonne fa ke aga gape tse ke di rutlileng, ke tla bo ke itira motlodi. 19 Gonne nna, ntlheng ya molao ke moswi ka molao, gore ke tshelele Modimo, ke bapotswe mmogo le Keresete. 20 Ke a tshela, mme ga e tlhole e le nna, ke Keresete yo o tshelang mo go nna, mme se ke se tshelang jaanong mo nameng ke se tshela ka go dumela mo go Morwa Modimo yo o nthatileng, a ba a ineela losong ka ntlha ya me. 21 Ga ke latlhe boitshwarelo jwa Modimo; gonne fa tshiamo e le ka molao, Keresete o tla bo a swetse lefela. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa