Bagalatia 1 - Setswana 1970Tumediso 1 Nna Paulo moapostolo – yo ke sa rongwang ke batho le e seng ka motho, mme e le ka Jesu Keresete le Modimo Rara yo o mo tsositseng mo baswing – 2 le bakaulengwe botlhe ba ba nang le nna, re kwalela diphuthego tsa Galatia: 3 A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraarona le mo go Morena Jesu Keresete 4 yo o ineetseng losong ka ntlha ya dibe tsa rona gore a re falodise mo lefatsheng leno le le bosula ka fa go rateng ga Modimo Rraarona 5 yo kgalalelo e leng ya gagwe ka bosenabokhutlo. Amen. Moapostolo o gakgamalela tlhanogo ya Bagalatia, ka ba ineetse ba thuto e sele ka bonako 6 Ke gakgametse ka gore ene yo o lo biditseng ka bopelothomogi jwa ga Keresete, lo mo hularetse ka bonako, lwa ineela Efangele e sele, 7 etswe go se e sele, e le fela ka gore go na le bangwe ba ba lo huduang, ba rata go fetola Efangele ya ga Keresete. 8 Mme le fa rona gongwe moengele yo o tswang kwa legodimong a ka lo rerela Efangele e sele e e ganetsanyang le e re e lo reretseng, a a hutsege! 9 Le jaanong ke bua gape jaaka ke buile pele ka re: Fa mongwe a ka lo rerela Efangele e sele e e ganetsanyang le e lo e amogetseng, a a hutsege! 10 Fa ke re jalo, a ke batla lorato lwa batho gongwe lwa Modimo? A kampo ke batla go kgatlha batho? Kana fa nka bo ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo ke se motlhanka wa ga Keresete. Paulo ga a ka a rutwa ke batho, o rutilwe ke Morena 11 Bakaulengwe, ke lo itsise gore Efangele e e rerilweng ke nna ga se ya motho. 12 E bile ga ke a e amogela mo mothong, le e seng go e rutwa ke ope, mme ke ka go e senolelwa ke Jesu Keresete. 13 Kana lo utlwile ka ga tsamao ya me ya pele mo thutong ya Bajuta gore ke ne ke bogisa phuthego ya Modimo gagolo thata thata, ke e senya; 14 ka ba ka tswelela pele mo Sejuteng go feta balekane ba le bantsi ba morafe wa ga etsho, ka go re thuto e re e neetsweng ke borraetsho ke ne ke e tlhoafaletse mo go fetisang. 15 Mme e rile go kgatlha Modimo o o ntlhaotseng go tswa mmeleng wa ga mmê, wa mpitsa ka bopelotlhomogi jwa ona; 16 ya re go o kgatlha go ntshenolela Morwaa-ona gore ke tle ke rere Efangele ya gagwe mo baheitaneng, ka akofa, ka se ka ka gakololana le nama le madi; 17 le gona ka se ka ka ya kwa Jerusalema kwa go bone ba e neng e le baapostolo pele ga me, mme ka ya kwa Arabia, ka ba ka boela kwa Damaseko. 18 Morago ga moo, ya re go sena go feta dingwaga di le tharo, ka ya kwa Jerusalema go itsanye le Kefa, ka ba ka tlhola nae malatsi a le 15. 19 Mme ga ke a ka ka bona baapostolo ba bangwe, fa e se Jakobo, monnaa Morena fela. 20 Mme tse ke di lo kwalelang, reetsang, ke supa fa pele ga Modimo gore ga ke ake! 21 Morago ga moo ka ya kwa mefameng ya Siria le Kilekia. 22 Ke ne ke sa itsege ka sefatlhego mo diphuthegong tsa Jutea tse di mo go Keresete. 23 Ba ne ba utlwile fela go twe: “Yo e rileng pele a bo a re bogisa, kajeno o rera tumelo e pele o neng a e senya.” 24 Mme ba galaletsa Modimo ka ntlha ya me. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa