Baefeso 3 - Setswana 1970Tlotlego ya boapostolo ke go itsise baheitane gore le bone ke barua-boswa ka ntlha ya ga Keresete 1 Ke ka ntlha ya moo nna Paulo ke le mogolegwi wa ga Keresete ka ntlha ya lona baheitane ke rapelang, 2 fa e le gore lo utlwile ka ga tirelo ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo ke bo neilweng ka ntlha ya lona; 3 gonne ke itsisitswe bosaitsiweng ka ponatshego jaaka ke setse ke kwadile ka mafoko a makhutshwane, 4 a e ka reng fa lo a buisa, lo a lemoga ka ona tlhaloganyo ya me ntlheng ya bosaitsiweng jwa ga Keresete, 5 jo bo se kang jwa itsisiwe batho mo metlheng ya pele, jaaka jaanong bo senoletswe baapostolo ba ba boitshepo ba gagwe le baporofeti ka Mowa 6 gore baheitane le bona ke barua-boswa nabo, ke ba mmele nabo, ke ba ba tlhakanetseng tsholofetso nabo mo go Keresete Jesu ka Efangele, 7 e ke duleng modiredi wa yona ka fa neong ya bopelotlhomogi jwa Modimo jo ke bo neilweng ka fa tirong ya thata ya ona. 8 Nna yo ke leng mmotlana mo baitsheping botlhe, ke neilwe bopelotlhomogi joo gore ke rerele baheitane Efangele ya khumo e e sa ka keng ya tlhotlhomisiwa ya ga Keresete, 9 le go sedimosetsa botlhe se e leng tirafatso ya bosaitsiweng jo go tswa tshimologong bo neng bo fitlhegile mo Modimong o o tlhodileng dilo tsotlhe ka Jesu Keresete, 10 gore botlhale jwa Modimo jwa mefutafuta jaanong bo itsisiwe balaodi le bathata mo legodimong ka phuthego 11 ka fa boikaelelong jo bo se nang tshimologo, jo o bo dirafaditseng mo go Keresete Jesu Morena wa rona 12 yo re nang le bopelokgale le kgololesego ka ena ya go fitlha kwa Modimong ka go dumela mo go ena. 13 Ke ka moo ke rapelang gore lo se ka lwa kgobega marapo ka ditlalelo tse ke leng mo go tsona ka ntlha ya lona, tse e leng tlotlo ya lona. Moapostolo o rapelela Baefeso gore Modimo o ba tiise mo tumelong le mo loratong le mo kitsong 14 Ke ka ntlha ya moo ke khubamang ka mangole fa pele ga Rra Morena wa rona Jesu Keresete 15 yo borara jotlhe mo legodimong le mo lefatsheng bo bidiwang ka ene, 16 ke rapela gore a lo nee nonofo ya go tia mo mothong yo o kwa teng ka Mowa wa gagwe ka fa khumong ya kgalalelo ya gagwe, 17 gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo, lo nne ba ba medi mo loratong lwa gagwe, ba ba thaegileng mo go lone, 18 gore lo kgone go tlhaloganya le baitshepi botlhe se e leng boatlhamo le boleele le bogodimo le boteng jwa lone, 19 le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso gore lo nne lo tlale go ya go fitlha botlalong jotlhe jwa Modimo. 20 Mme ona o o nonofileng go dira bogolo go feta tsotlhe tse re ka di kopang le tse re ka di gopolang ka fa thateng e e dirang mo go rona, 21 a kgalalelo e nne ya ona mo phuthegong le mo go Keresete Jesu go ya tshikatshikeng tsa bosakhutleng. Amen. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa