Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Amose 9 - Setswana 1970


Pono ya botlhano: Aletare e a tlhatlhamololwa. Polelelopele

1 Ke ne ka bona Morena a eme a okame aletare a re: “Itaya tlhogo ya leotwana gore direpodi di reketle, o di thubaganyetse mo ditlhogong tsa bone botlhe, ba ba setseng mo go bone ke tla ba bolaya ka tšhaka, ga go na motshabi ope wa bone yo o ka falolang, ga go na mofalodi ope mo go bone yo o ka phologang.

2 Le fa ba ka sutlhelela kwa felong ga baswi, letsogo la me le tla ba ntsha teng; le fa ba ka tlhatlogela kwa legodimong, ke tla ba folosa gona.

3 Le fa ba ka iphitlha mo setlhoeng sa Karemele, ke tla ba tsaya ka motlhala, ke ya go ba tshwara; le fa ba ka itshuba fa pele ga matlho a me kwa tlase ga lewatle, ke tla laola noga gona gore e ba lome.

4 Le fa ba ka etelela baba ba bone pele e le batshwarwi, ke tla laola tšhaka teng gore e ba bolae, ke tla tsepega matlho mo go bone go ba direla tse di botlhoko, e seng tse di molemo.”

5 Morena Modimo wa masomosomo ke ene yo o amang lefatshe gore le gakologe, mme go hutsafale botlhe ba ba agileng mo go lone; le be le gogomoge lotlhe jaaka noka ya Nile, le be le kokobele jaaka noka ya Egepeto.

6 Ke ene yo o agileng meago ya gagwe kwa magodimong, a thaya loapi lwa gagwe mo lefatsheng; ke ene yo o bitsang metsi a lewatle, a a tshela mo lefatsheng. Leina la gagwe ke Morena.

7 “Lona Baiseraele, a ga lo tshwane le Baethiopia mo go nna?” go botsa Morena. “A ga ke a ntsha Baiseraele mo lefatsheng la Egepeto le Bafelesita kwa Khafethore le Basiria kwa Kire?”

8 Bonang, matlho a Morena Modimo a lebile bogosi jo bo boleo wa re: “Ke tla bo nyeletsa mo lefatsheng; fela ga nkitla ke senya ntlo ya Jakobe, ke be ke e tantanyetsa,” go bua Morena.

9 “Gonne bonang, ke tla laola gore Baiseraele ba feferelwe mo ditšhabeng tsotlhe, jaaka go feferwa mabele ka loselo, mme ga go na tlhaka epe e e tla welang fa fatshe.

10 Baleofi botlhe ba morafe wa me ba tla swa ka tšhaka, ba ba reng: ‘Kotsi eo ga e nke e re wela le e seng go kopana le rona.’


Iseraele o tla busediwa gape

11 “Ka sebaka seo ke tla tsosa ntlo ya ga Dafita e e weleng, ke thiba diphatlha tsa yona, ke tsosa marope a yona, ke e aga gape jaaka metlheng ya pele,

12 gore ba rue masalela a Etomo le a ditšhaba tsotlhe tse leina la me le biditsweng mo go tsona,” go bua Morena yo o dirang dilo tseo.

13 Morena a re: “Bonang, malatsi a e tla, a ka ona molemi o tla kgatlhanang le yo o kotulang; le yo o gatang maungo a moweine a fitlhelang yo o gasang peo. Dithaba di tla rotha matute a moweine, dithabana tsotlhe di tla gakologa.

14 Ke tla busa Baiseraele, morafe wa me, kwa tatlhegong gore ba age metse e e sentsweng, ba nne mo go yona; ba jwale masimo a meweine, ba nwe weine ya ona; ba leme masimo, ba je dijo tsa ona.

15 Mme ke tla ba tlhoma mo lefatsheng la bone, mme ga ba kitla ba tlhola ba kumolwa mo lefatsheng la bone le ke le ba neileng,” go bua Morena, Modimo wa gago.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan