Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Amose 8 - Setswana 1970


Pono ya bone: Tlatlana e e nang le maungo

1 Morena Modimo a ntshupetsa jaana: Ka bona tlatlana e e nang le maungo a letlhafula.

2 Mme a re: “O bona eng, Amose?” Ka re: “Ke bona tlatlana e e nang le maungo a letlhafula.” Ke fa Morena a nthaya a re: “Bokhutlo bo gorogetse morafe wa me wa Iseraele; ga nkitla ke tlhola ke ba rekegela.

3 Difela tsa ntlo ya borena di tla fetoga selelo ka sebaka se,” go bua Morena Modimo. “Ditoto tse dintsi di tla gasanngwa go ntse go rile tu!”


Tatlhego ya Baiseraele

4 Utlwang, lona ba lo gatelelang bahumanegi, ba lo bogisang batlhoki mo lefatsheng,

5 lo re: “Ngwedi o tla rogiwa leng gore re rekise mabele? Sabata o tla fela leng gore re bule difala tsa mabele, re fokotse seelo, re godise tlhwatlhwa, re tsietse ka dikale tse e seng tsona;

6 gore re reke ba ba kwa tlase ka madi le mohumanegi ka ditlhako tse pedi; le gona re tla rekisa dikgofa jaaka mabele.”

7 Morena o ikanne ka bogolo jwa ga Jakobe a re: “Ruri, ga nkitla ke lebala ditiro dipe tsa bone ka go sa feleng.

8 Lefatshe a ga le na go roroma ka ntlha ya tseo? Ba ba agileng mo go lone a ga ba na go hutsafala botlhe? – Ee, le tla gogomoga lotlhe jaaka noka ya Nile, le huduiwa, le be le kokobela jaaka noka ya Egepeto.”

9 Morena Modimo a re: “Ka letsatsi leo ke tla phirimisa letsatsi motshegare, ke fifatsa lefatshe go sa le lesedi.

10 Ke tla fetola meletlo ya lona khutsafalo, le difela tsotlhe tsa lona dilelo; ke apesa matheka otlhe ka diaparo tsa khutsafalo, ke dira ditlhogo tsotlhe mafatla; ke lo tlisetsa khutsafalo ya ba ba swetsweng ke ngwana yo o esi, mme bokhutlo jwa teng bo tshwana le letsatsi le le galakang.”

11 Morena Modimo o bua a re: “Bonang, malatsi a e tla a ke tla romelang tlala mo lefatsheng ka ona, e seng tlala ya bogobe le e seng lenyora la metsi, mme e le leuba la go utlwa mafoko a Morena.

12 Ba tla kgarakgatshega ba tswa lewatleng ba ya lewatleng, ba tswa kwa bokone ba ya kwa botlhabatsatsi, ba kaila go batla Lefoko la Morena, mme ga ba kitla ba le bona.

13 Ka sebaka seo, makgarebe a mantle le makau a tla idibala ka lenyora,

14 a a ikanang ka ‘Boleo-jwa-Samaria’ a re: ‘Ka bophelo jwa modimo wa gago, Dane!’ Gape: ‘Ka bophelo jwa Tsela-ya-Bereseba!’ a tla wa, mme ga a kitla a tlhola a tsoga.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan