Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Amose 7 - Setswana 1970


Pono ya Tsie

1 Morena Modimo o ne a ntshupetsa jaana: Ka mmona a bopa tsie, fa bojang jwa morago bo simolola go tlhoga; kana ke bojang jwa morago, fa kgosi e sena go segelwa.

2 Jaanong ya re tsie e sena go fetsa go ja morogo wa lefatshe, ka re: “Morena Modimo, a ko o itshwarele! Jakobe a ka ema jang? Kana o mmotlana.”

3 Ke fa Morena a rebega bogale. Morena a re: “Ga go kitla go dirafala!”


Pono ya molelo

4 Morena Modimo a ba a ntshupetsa jaana: Ka bona Morena Modimo a bitsa molelo go seka ka ona, mme molelo wa kgadisa morwalela o mogolo, wa ba wa ja tshimo.

5 Mme ka re: “Morena Modimo, a ko o lese! Jakobe a ka ema jang? Kana o mmotlana.”

6 Ke fa Morena a rebega bogale gape. Morena Modimo a re: “Ga go kitla go dirafala!”


Pono ya serophiso

7 A ba a ntshupetsa jaana: Ka bona Morena a eme mo loboteng lo lo tsepameng, a tshotse serophiso ka seatla.

8 Ke fa Morena a nthaya a re: “O bona eng, Amose?” Ka re: “Ke bona serophiso.” Morena a ba a re: “Bona, ke tla baya serophiso mo gare ga Baiseraele, morafe wa me. Ga nkitla ke tlhola ke ba rekegela.

9 Mme dithota tsa tlhabelo tsa Isaka di tla fetolwa sekaka; mafelo a a boitshepo a Iseraele a tla fetoga marope, mme ke tla tsogela ba ntlo ya ga Jerobeame ka tšhaka.”


Amose o kwa Bethele, o tlhoiwa ke Amasia

10 Ke fa Amasia, moperesiti wa kwa Bethele a romela kwa go Jerobeame, kgosi ya Iseraele, a re: “Amose o go tsosetsa pheretlhego mo Baiseraeleng. Lefatshe ga le kgone go itshokela mafoko otlhe a gagwe.

11 Gonne Amose o buile jaana a re: ‘Jerobeame o tla swa ka tšhaka, mme Baiseraele ba tla tlosiwa mo lefatsheng la bone, ba isiwa botshwarong.’ ”

12 Mme Amasia a raya Amose a re: “Wena mmoni, tsamaya o tshabele kwa lefatsheng la Juta, o je dijo gona, o bolele Lefoko la Modimo gona.

13 Mme o se tlhole o bolela Lefoko la Modimo mo Bethele; gonne ke felo ga boitshepo ga kgosi, e bile ke tempele ya morafe.”

14 Amose a fetola a raya Amasia a re: “Ga ke moporofeti le e seng morwa moporofeti; gonne ke ne ke le modisa wa dikgomo le molemi wa mefaa.

15 Ke fa Morena a ntsaya ke setse letsomane morago, mme Morena a nthaya a re: ‘Yaa o bolelele Baiseraele, morafe wa me, Lefoko la Modimo.’

16 Jaanong utlwa Lefoko la Morena: Ke wena o reng: ‘Se bolelele thato ya Modimo ka ga Baiseraele, se kgalemele ba ntlo ya lsaka.’

17 Ke ka moo Morena a buileng jaana a re: ‘Mosadi wa gago o tla fetoga seaka mo motseng, bomorwao le bomorwadio ba tla wa ka tšhaka, tshimo ya gago e tla kgaoganngwa ka mogala, mme wena o tla swela mo nageng e e itshekologileng; Baiseraele bone ruri ba tla tlosiwa mo lefatsheng la bone, ba isiwa botshwarong.’ ”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan