Amose 3 - Setswana 19701 Utlwang lefoko le, le Morena a le buileng ka ga lona Baiseraele; ka ga losika lotlhe lo a lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a re: 2 “Ke lona lo le losi ke lo itsileng mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe; ka ntlha ya moo ke tla lo beletsa maleo otlhe a lona.” Tiro ya moporofeti 3 A ba le babedi ba ka tsamaya mmogo, ba ise ba utlwane? 4 A tau e ka rora mo sekgweng e se na thopo? A tawana e tla utlwatsa modumo wa yona mo kutleng ya yona e sa tshwara sepe? 5 A nonyane e ka wela mo serung fa fatshe, e sa thaisiwa? A mutlwane o ka tsipoga fela, o sa tshware sepe? 6 Gongwe a go ka lediwa lonaka fela mo motseng, batho ba sa tshoge? A kotsi e ka dirafalela motse e Morena a sa e dirafatsang? 7 Gonne Morena Modimo ga a ke a dira sepe a ise a senolele baporofeti, batlhanka ba gagwe, sephiri sa gagwe. 8 Tau e dumile, ke mang yo o sa boifeng? Morena Modimo o buile, ke mang yo o sa boleleng Lefoko la Modimo? Tatlhego ya Samaria 9 Tlhabang mokgosi, lo o tlhabele matlo a borena a kwa Asiria le matlo a borena a kwa lefatsheng la Egepeto lo re: “Phuthegelang kwa dithabeng tsa Samaria, lo bone dikhuduego tse dikgolo tsa teng le dikgatelelo tse di leng gona.” 10 Morena a re: “Ga ba itse go dira tse di siameng; tshiamololo le tshenyo ba di phuthela mo matlong a borena a bone.” 11 Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: “Mmaba ke yo, o mo tikologong ya lefatshe! O tla fedisa thata ya gago; matlo a borena a gago a tla thukhuthwa dilo.” 12 Morena o bua jaana a re: “Baiseraele ba ba agileng mo Samaria, ba ba ntseng mo ditulong tsa malao le mo diphateng tsa masela a Damaseko, ba tla pholosiwa jaaka modisa a tle a swapole memomo e le mebedi gongwe ntlha ya tsebe mo leganong la tau fela. 13 Utlwang, lo tle lo nne basupi mo ntlong ya ga Jakobe,” go bua Morena, Modimo, Modimo wa masomosomo. 14 “Ka letsatsi le ke beletsang Baiseraele ditlolo tsa bone ka lone, ke tla be ke senye dialetare tse di kwa Bethele gore dinaka tsa aletare di kgaolwe, di wele fa fatshe. 15 Ke tla thubaka ntlo ya mariga mmogo le ya selemo; mme matlo a dinaka tsa ditlou a tla nyelela, matlo a mantsi a senyega,” go bua Morena. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa