2 Timoteo 4 - Setswana 19701 Ke go ikanisa fa pele ga Modimo le fa pele ga Keresete Jesu yo o tla atlholang baphedi le baswi, le ka ponatshego ya gagwe le ka puso ya gagwe, ke re: 2 Rera Lefoko o nne yo o ipaakantseng ka nako e e leng yona le e e seng yona; supa molato, o kgalemele, o laye ka bopelotelele jotlhe le ka thuto; 3 gonne go tla tla sebaka se ba tla ganang thuto e e itekanetseng ka sona; mme ba tla ikgobokanyetsa baruti ka fa dikgatlhegong tsa bona ba ba ba tlakisang ditsebe. 4 Ba tla iphaposa ditsebe mo boammaaruring, ba fapogela dinaaneng. 5 Mme wena, o nne tekano mo dilong tsotlhe, o itshokele dipogiso, o dire tiro ya moreri wa Efangele, o fetse tirelo ya gago ka botlalo. Paulo o leba bokhutlo jwa gagwe. O ipiletsa Timotheo. Kitsiso ka ga batho ba bangwe 6 Nna ke setse ke tla dirwa setlhabelo, nako ya me ya go swa e fitlhile. 7 Ke tlhabanye tlhabano e e molemo, ke weditse tshiano, ke bolokile tumelo. 8 Jaanong ke setse ke beetswe serwalo sa tshiamo se Morena Moatlhodi yo o siameng o tla se nnayang ka letsatsi leo, mme e seng nna ke le nosi, le bona botlhe ba ba ratang ponatshego ya gagwe. 9 Itlhaganele go tla kwano go nna ka bonako; 10 gonne Demase o ntlogetse, ka a ratile lefatshe leno, o ile kwa Thesalonika. Keresekese o ile kwa Galatia, Tito o ile kwa Dalematia. 11 Ke Luka fela yo ke nang nae. Tsaya Mareko, o be o tle nae; gonne o tla nthusa thata mo tirelong. 12 Tigiko ene ke mo rometse kwa Efeso. 13 Kobo e ke e tlogetseng mo go Karepo kwa Teroase, e re o tla, o e ntlele, le dikwalo, bogolo tsa matlalo. 14 Aleksantere wa mothudi o ntiretse bosula jo bogolo; Morena o tla mmusetsa ka fa ditirong tsa gagwe. 15 Le wena, o itise mo go ene; gonne o ganeditse mafoko a rona thata. 16 Mo boikarabelong jwa ntlha jwa me ga go a ka ga ema ope le nna, ba ntshabetse botlhe; a ba se ka ba bonwa molato ka ntlha ya moo. 17 Mme Morena ene o ne a ema le nna, a nthatafatsa gore ke tle ke rere Efangele go ya bokhutlong, mme baheitane botlhe ba utlwe; ka ba ka gololwa mo leganong la tau. 18 Morena o tla nkgolola mo tirong nngwe le nngwe e e bosula, a mpholosa, a nkisa mo pusong ya gagwe ya legodimo. A kgalalelo e nne ya gagwe go ya bosakhutleng! Amen. Tumediso 19 Dumedisa Periseka le Akwila le ba lapa la ga Onesiforo. 20 Eraseto o setse kwa Korinthe, Terofimo ke mo tlogetse kwa Mileto a lwala. 21 Itlhaganele go tla, mariga a ise a tsene. Eubulo a re, o dumele; le Putese le Leno le Kelaudia le bakaulengwe botlhe ba a go dumedisa. 22 A Morena Jesu Keresete a nne le mowa wa gago; a bopelotlhomogi bo nne le lona! |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa