2 Timoteo 2 - Setswana 1970Kaelo ya go ema ka tlhomamo mo tumelong le mo tirelong 1 Mme wena, ngwanaka, tia jaanong ka bopelotlhomogi jo bo mo go Keresete Jesu. 2 Mme dilo tse o di utlwileng mo go nna go le basupi ba bantsi, o di neele batho ba ba ikanyegang, ba ba bileng ba tla nonofa go di ruta ba bangwe. 3 Boga le nna jaaka motlhabani yo o siameng wa ga Keresete Jesu. 4 Ga go ope yo e a reng a bololetse tlhabano, a tshwenyegele tse a iphedisang ka tsona, mme o dira gore a kgatlhe ene yo o mmileditseng ntweng. 5 Kana le fa motho a tsena mo kgaisanyong, ga a nke a rwesiwa serwalo, fa a sa se lekele ka fa molaong. 6 Molemi yo o itapisang o tshwanetse go nna wa ntlha yo o jang maungo. 7 Ela se ke se buang tlhoko; gonne Morena o tla go neela tlhaloganyo mo dilong tsotlhe. 8 Gopola Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing, yo e leng wa losika lwa ga Dafita ka fa Efangeleng ya me 9 e ke e bogelang, mo ke bileng ka golegwa jaaka mosenyi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa. 10 Ke gona ka moo ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya batlhaolwi gore le bone ba amogele pholoso e e mo go Keresete Jesu le kgalalelo e e sa khutleng. 11 Lefoko le le boikanyo ke le: “Fa re sule nae, re tla phela nae. 12 Fa re itshoka, re tla busa nae; fa re mo itatola, le ene o tla re itatola. 13 Fa re sa ikanyege, ene o tla nna a le boikanyo; gonne ga a ka ke a iitatola.” Ka ga maitsholo a a ka rutang ba ba fapogileng thuto e e siameng le bophelo jo bo itshekileng 14 Dilo tseo o di ba gopotse, o ba tlhagise fa pele ga Modimo gore ba se ka ba ganetsanya ka mafoko mo go sa thuseng sepe, mme e le fela go isa ba ba a utlwang mo tshenyegong. 15 O nne tlhaga gore o itshupetse Modimo o le yo o ikanyegang, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, yo o lebanyang Lefoko la boammaaruri ka tshwanelo. 16 Mme dipalabalo tsa boithamako o di tshabe; gonne babalabadi ba tla nna ba tswelela pele fela mo boikepong. 17 Lefoko la bone le tla nna le kekela jaaka tlhagala e e kekelang, ba Himeneo le Fileto e leng bangwe ba bone, 18 ba ba fapogileng boammaaruri ba re tsogo ya baswi e setse e dirafetse, ba be ba senya tumelo ya ba bangwe. 19 Le fa go ntse jalo motheo o o tlhomameng wa Modimo o eme, o na le sekano se se reng: “Morena o itse ba e leng ba gagwe;” le se se reng: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la Morena a tlogele tshiamololo.” 20 Mme jaanong mo ntlong e kgolo ga go na dijana tsa gouta le tsa selefera fela, mme go na le tsa logong le tsa letsopa le tsona, tse dingwe e le tsa tlotlo, tse dingwe e le tsa tlotlololo. 21 Jaanong fa motho a tlhapa dilo tseo, o tla nna sejana sa tlotlo se se itshepisitsweng, se se lebanyeng go direla mong wa ntlo, se se baakanyeditsweng tiro nngwe le nngwe e e molemo. 22 Tshaba dikeletso tsa bokau, o batle tshiamo le tumelo le lorato le kagiso mmogo le ba ba bitsang Morena ka dipelo tse di itshekileng. 23 Mme dipotso tsa bosilo le tsa bonyana o di gane, ka o itse gore di tsala kgang fela. 24 Mme motlhanka wa Morena ga a tshwanela go nna motho wa kgang, mme a a nne pelontle le botlhe, a itse go ruta, mme a itshokele bosula; 25 a be a kgalemele baganetsi ka bonolo, e tle e re gongwe Modimo o ba nee tlhabologo e e isang kitsong ya boammaaruri, 26 ba tle ba rarabologelwe, ba tswe mo serung sa ga Diabolo se ba neng ba tshwerwe ka sona gore ba dirafatse thato ya gagwe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa