2 Samuele 5 - Setswana 1970Dafita a tswa kgosi ya Baiseraele le Bajuta ( 1 Ditiraf. 11:1-9 ; 14:1-7 ) 1 Jaanong ditso tsotlhe tsa Iseraele tsa tla kwa go Dafita kwa Heberone, tsa mo raya tsa re: “Re fano, kana re lesapo la gago le nama ya gago. 2 E rile Saule e ntse e le kgosi ya rona, ya bo e le wena o bolotsang Baiseraele le go ba gorosa. E bile Morena o go laetse a re, wena o tla fudisa morafe wa me wa Iseraele; o tla nna moeteledipele wa Iseraele.” 3 Jaanong bagolo botlhe ba Iseraele ba tla kwa kgosing kwa Heberone. Kgosi Dafita a dira kgolagano nabo kwa Heberone fa pele ga Morena. Ba feta ba tlotsa Dafita go nna kgosi ya Iseraele. 4 Ya re Dafita a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 30; a busa dinyaga di le 40. 5 A busa Juta dinyaga di supa le dikgwedi di le thataro a le kwa Heberone; a busa Iseraele yotlhe le Juta dinyaga di le 33 a le kwa Jerusalema. 6 Mme ya re kgosi le banna ba yona ba fitlha kwa Jerusalema go tlhasela Bajebusi ba ba neng ba agile mo lefatsheng la teng, ba raya Dafita ba re: “Ga o kitla o tsena kwano, mme o tla lelekwa ke difofu le batlhotsi.” Ba raya gore Dafita ga a kitla a tsena teng. 7 Mme Dafita a thopa motse o o femetsweng wa Sione; ke ona mošate wa ga Dafita. 8 Ka letsatsi leo Dafita o ne a bua a re: “Mongwe le mongwe yo o tla fenyang Bajebusi le batlhotsi le difofu tse di tlhoilweng ke pelo ya ga Dafita, a fitlhile teng ka mosele wa metsi – o tla dirwa kgosana.” Ke yona tshimologo ya puo e e reng: “Sefofu le motlhotsi ga ba kitla ba tsena mo ntlong.” 9 Jaanong Dafita a nna mo motseng o o femetsweng oo, a o bitsa mošate wa ga Dafita. Dafita a aga motse mo tikologong go tswa kwa Milo go ya kwa gare. 10 Dafita a nna a golela pele; gonne Morena, Modimo wa masomosomo, o ne a na nae. 11 Jaanong Hirame kgosi ya Tiro a roma barongwi kwa go Dafita, a ba a romela le dikgong tsa mesetere le babetli ba dikgong le babetli ba mafika, ba agela Dafita ntlo. 12 Dafita o ne a lemoga jalo, fa Morena a mo tlhomamisitse go nna kgosi ya Iseraele, e bile a tlotlomatsa bogosi jwa gagwe ka ntlha ya morafe wa gagwe wa Iseraele. 13 Dafita a tsaya bagadingwana le basadi ba bangwe gape a le kwa Jerusalema a sena go huduga kwa Heberone; a nna a bona bomorwa le bomorwadi. 14 Maina a bomorwawe ba ba tsaletsweng kwa Jerusalema ke a: Samua le Sobabe le Nathane le Salomo 15 le Ibegare le Elisua le Nefege le Jafia 16 le Elisama le Eliata le Elifelete. Bafelesita ba a fenngwa ( 1 Ditiraf. 14:8-17 ) 17 E rile Bafelesita ba utlwa go twe, Dafita o tloditswe go nna kgosi ya Iseraele yotlhe, ba bolola botlhe go batla Dafita; ya re Dafita a utlwa jalo, a fologela kwa phemelong ya motse. 18 Mme ya re Bafelesita ba sena go tla le go anama mo molapong wa Refaime, 19 Dafita a botsa Morena a re: “A ke bololele Bafelesita? A o tla ba neela mo diatleng tsa me?” Morena a araba Dafita a re: “Bolola, gonne ruri ke tla ba neela mo diatleng tsa gago.” 20 Dafita a tla kwa Baale-Pherasime, a ba fenya teng a re: “Morena o gogotse baba ba me fa pele ga me jaaka go gogola metsi.” Ke ka moo a teileng felo foo leina la Baale-Pherasime. 21 Ba tlogela medimo ya diseto ya bone teng, mme Dafita le banna ba gagwe ba e tsaya. 22 Bafelesita ba bolola gape, ba anama mo molapong wa Refaime. 23 Ya re Dafita a botsa Morena, a mo araba a re: “O se ka wa ba kgatlhantsha, mme o ba pote ka kwa morago, o ba wele o tswa kwa ditlhatshaneng tsa boroku. 24 Mme e re o utlwa mokgwasa wa dikgato mo godimo ga ditlhatshana tsa boroku, o itlhaganele; gonne foo Morena o tla bo a bolotse, a go etelela pele go fenya mephato ya Bafelesita.” 25 Dafita a dira jalo ka fa Morena a mo laetseng ka teng; a fenya Bafelesita go tswa kwa Geba go ya go fitlha kwa Gesere. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa