Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

2 Samuele 22 - Setswana 1970


Dafita o lebogela diphenyo tsa gagwe ka sefela
(Leba Pes. 18 )

1 Dafita o ne a tumisa Morena ka mafoko a sefela se ka letsatsi le Morena o neng a mo pholositse ka lone mo diatleng tsa baba botlhe ba gagwe le tsa ga Saule

2 a re: Morena ke lefika la me le kago ya phemelo ya me le mopholosi wa me.

3 Modimo wa me ke lefika la phemelo ya me, ke tla tshabela kwa go ona; ke thebe ya me le lonaka lwa pholoso ya me le kago ya phemelo ya me le botshabelo jwa me le mothusi wa me, o nkgolola mo kgatelelong.

4 E ne ya e re fa ke bitsa Morena yo o bakwang, ke gololwe mo babeng ba me.

5 Gonne merwalela ya loso e ne e ntikanyeditse; dinoka tsa tatlhego tsa ntshosa.

6 Megala ya felo ga baswi e ne e ntsentse gare; diru tsa loso tsa nkwela.

7 Ya re ke le tlalelong, ka bitsa Morena, ka ba ka tlhaeleletsa Modimong wa me; mme wa utlwa lentswe la me o le mo Tempeleng ya ona; tlhaeletso ya me ya tsena mo ditsebeng tsa ona.

8 Ga reketla, ga roroma lefatshe; metheo ya legodimo ya tetesela ya reketla, ka o ne o tuka bogale.

9 Dinko tsa ona tsa kua musi, molelo o o jang wa tswa mo molomong wa ona; magala a a tukang a tswa mo go ona.

10 Wa sekamisa legodimo wa fologa; bontsho bo le fa tlase ga dinao tsa ona.

11 O ne o palame Kerubime, o fofa; o kala o le mo diphukeng tsa phefo.

12 Wa itikanyetsa ka lefifi go nna maobo a ona; e ne e le bontsho jwa maru a a kwenneng.

13 Magala a molelo a tuka, a tswa phatsimong e e fa pele ga ona.

14 Morena a dumisa maru a le kwa legodimong; Mogodimodimo a utlwatsa lentswe la gagwe;

15 a thuntsha metsu, a phatlalatsa baba; a rathisa tladi, a ba tshosa.

16 Ke fa mateng a lewatle a bonala le metheo ya lefatshe e senolwa ka go kgalemela ga Morena le ka pudulo ya mowa wa nko ya gagwe.

17 A ntsha letsogo a le kwa godimo, a ntshwara; a nkinola mo metsing a magolo.

18 A mpholosa mo babeng ba me ba ba thata; mo go ba ba ntlhoileng, gonne ba ne ba le thata bogolo go nna.

19 Ba ne ba nkwela ka letsatsi la tatlhego ya me, mme Morena a nna seitsetsepelo sa me.

20 A nntshetsa kwa go atlhameng, a nkgolola, ka gonne ke a mo kgatlha.

21 Morena a ntuela ka fa tshiamong ya me, a mpusetsa ka fa boitshekong jwa diatla tsa me.

22 Gonne ke tshegeditse ditsela tsa Morena, mme ga ke a ka ka ikepa mo Modimong wa me.

23 Gonne tsotlhe tse di siameng fa pele ga ona ke ntse ke di tlhokomela; le ditaolo tsa ona ga ke a fapoga mo go tsona.

24 Ka bo ke siame fa pele ga ona, ka itisa gore ke se nne molato.

25 Ke ka moo Morena a mpuseditseng ka fa tshiamong ya me le ka fa boitshekong jwa me fa pele ga matlho a gagwe.

26 O itshupa o le bopelotlhomogi mo go yo o tlhomogang pelo; o itshupa o le tlhamalalo mo monneng yo o tlhamaletseng.

27 O itshupa o le phepa mo go yo o phepa, mme mo molotsaneng o itshupa o le kgopo.

28 O thusa batho ba ba gateletsweng, mme matlho a gago a galefela ba ba ikgodisang; o a ba kokobetsa.

29 Gonne wena o lobone lwa me, Morena; mme Morena o sedimosa lefifi la me.

30 Gonne ke tlhasela lesomo la baba ka wena; ke tlola lobota ka Modimo wa me.

31 Tsela ya Modimo oo e itekanetse; lefoko la Morena le itshekile. Ke ene thebe ya botlhe ba ba tshabelang kwa go ene.

32 Gonne ke mang yo e leng Modimo kwa ntle ga Morena? Gape ke mang yo e leng lefika kwa ntle ga Modimo wa rona?

33 Modimo oo ke kago ya phemelo e e thata ya me; o tsamaisa yo o itekanetseng mo tseleng ya ona.

34 Ke ona o o dirang dinao tsa me jaaka tsa phele; o nkemisa mo mafelong a a godimo.

35 Ke ona o o rutang diatla tsa me go tlhabana le mabogo a me go gagamatsa bora jwa kgotlho.

36 O bile o nneile thebe ya pholoso ya gago; go ikinamisa ga gago go ntira mogolo.

37 O atlhamolositse kgato ya me fa tlase ga me; mangenana a me ga a ka a temeka.

38 Ke lateletse baba ba me, ka ba fetsa; ka se ka ka boa ke ise ke ba nyeletse.

39 Ruri, ka ba nyeletsa, ka ba remaganya, mo ba se kang ba tlhola ba tsoga, mme ba wela fa tlase ga dinao tsa me.

40 O ntlamile ka thata go ka tlhabana; wa khubamisa ba ba ntsogetseng fa tlase ga me.

41 O tshabisitse baba ba me gore ba nkhularele; ba ba ntlhoileng ka ba nyeletsa.

42 Ba šebašeba go batla thuso, mme go se na mothusi; ba tlhaeleletsa kwa Moreneng, mme a se ka a ba araba.

43 Ka ba gatlampola jaaka lerole la lefatshe, ka ba phatlakanya jaaka seretse sa mebila, ka ba gataka.

44 O mpholositse mo dintweng tsa morafe wa me, wa mpoloka go nna tlhogo ya merafe; batho ba ke neng ke sa ba itse ba ntirela.

45 Bomorwa ditšhaba ba inneela ka go mpoifa; fela fa ba nkutlwela, ba tle go inkobela.

46 Bomorwa ditšhaba ba a koafala; ba tswa mo maiphitlhong a bone, ba tetesela.

47 Morena o a phela. A go bakwe ene lefika la me! A go godisiwe Modimo o e leng lefika la pholoso ya me;

48 ona Modimo o o nnayang pusoloso, o o digelang merafe kwa tlase ga me

49 o o nntshang mo babeng ba me. Wena o nkgodisetsa ba ba ntsogelang; o nkgolola mo monneng yo o setlhogo.

50 Ka moo ke tla go baka, Morena, mo merafeng, ke opelela leina la gago;

51 wena yo o nayang kgosi e o e tlhomileng pholoso e kgolo, o direla motlodiwa wa gago ka bopelotlhomogi, e bong Dafita le losika lwa gagwe ka bosakhutleng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan