Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

2 Samuele 1 - Setswana 1970


Dafita o bolelelwa loso lwa ga Saule le lwa ga Jonathane

1 E rile morago ga loso lwa ga Saule, Dafita a sena go fenya Baamaleke le go boa, a tlhola malatsi a le mabedi kwa Sitlage,

2 ga tla monna ka letsatsi la boraro, a tswa kwa go Saule kwa bothibelelong, a ikgagotse diaparo, a itshetse mmu mo tlhogong. Ya re a fitlha kwa go Dafita, a wela fa fatshe, a ikoba.

3 Mme Dafita a mmotsa a re: “O tswa kae?” A mo araba a re: “Ke falotse kwa bothibelelong jwa ga Saule.”

4 Dafita a ba a mmotsa a re: “Go rileng? A ko o mpolelele.” A bolela a re: “Banna ba tshabile mo ntweng; le gona go ole ba bantsi ba morafe, ba swa; go bile go sule Saule le Jonathane morwawe.”

5 Ke fa Dafita a botsa lekau le le mmoleletseng jalo a re: “O itse jang fa Saule le Jonathane morwawe ba sule?”

6 Lekau le le mmegetseng mafoko la araba la re: “E rile ke feta kwa thabeng ya Gileboa, ka wela Saule a ikaegile ka lerumo la gagwe, ka bona ba dikoloi le bapalami ba dipitse ba mo leleka.

7 A gadima, a mpona a mpitsa; ka re: ‘Ke fano.’

8 A mpotsa a re: ‘O mang?’ Ka mo araba ka re: ‘Ke Moamaleke.’

9 A nthaya a re: ‘A ko o eme fa go nna, o mpolae; gonne ke tshwerwe ke sedidi, mme bophelo bo sa le mo go nna jotlhe.’

10 Ka ema fa go ene, ka mmolaya; gonne ke ne ke itse gore, ga a kitla a phela a sena go wa. Ka tsaya serwalo sa bogosi se se neng se le mo tlhogong ya gagwe le mohitshane mo letsogong la gagwe, ka di tlisa kwano go morena wa me.”

11 Ke fa Dafita a itshwara diaparo, a di gagola; le banna botlhe ba ba nang nae ba dira jalo.

12 Ba hutsafala ba lela, ba itima dijo go ya mantsiboeng ka ntlha ya ga Saule le ka ntlha ya ga Jonathane morwawe le ka ntlha ya morafe wa Morena, e bong Baiseraele, ka ba ole ka tšhaka.

13 Jaanong Dafita a botsa lekau le le mo itsisitseng jalo a re: “O mokae?” La araba la re: “Ke morwa monna yo o falaletseng kwa Boamaleke.”

14 Dafita a ba a le botsa a re: “Ke go reng, fa o se ka wa boifa go ntsha letsogo go bolaya motlodiwa wa Morena?”

15 Dafita a ba a bitsa lengwe la makau a re: “Atamela o mo wele.” La mo itaya, a ba a swa.

16 Ya re a ise a swe Dafita a mo raya a re: “O swela molato wa gago. Gonne o ipoletse wa re ke wena o bolaileng motlodiwa wa Morena.”


Sefela sa ga Dafita ka ga Saule le Jonathane

17 Ke fa Dafita a tlhaba sefela sa selelo ka ga Saule le Jonathane morwawe;

18 – a Bajuta ba se rutwe! Kana se kwadilwe mo lokwalong lwa motlhamaladi! – a re:

19 “Iseraele, mokgabo wa gago o bolaetswe kwa dithoteng tsa gago. Kana bagale ba ole jang!

20 Lo se ka lwa itsise kwa Gathe le e seng go bolela mo mebileng ya Ašekalone, e se re gongwe bomorwadia Bafelesita ba itumela, bomorwadia ba ba sa rupang ba duduetsa.

21 Lona dithaba tsa Gileboa, a go se we monyo le e seng go na pula mo go lona; a go se nne masimo a a ntshang makgetho. Gonne teng koo go sotlegile dithebe tsa bagale le thebe ya ga Saule, e kete ga se ya yo o tloditsweng ka lookwane.

22 Bora jwa ga Jonathane bo ne bo se ke bo sutela kwa morago le tšhaka ya ga Saule e ne e se ke e boa, di sa tlala madi a ba ba bolailweng le mafura a bagale.

23 Saule le Jonathane, baratwi le bakgatlhi! Mo bophelong jwa bone le mo losong lwa bone ga ba a ka ba kgaogana. Ba ne ba le lobelo bogolo go bontswi, ba le thata bogolo go ditau.

24 Lona bomorwadia Iseraele, lelelang Saule yo o neng a lo apesa ka masela a mahibidu le mekgabo e mentle; a kgabisa diaparo tsa lona ka mokgabo wa gouta.

25 Kana bagale ba ole jang mo tlhabanong! Jonathane o namaletse mo dithoteng tsa gago a bolailwe.

26 Jonathane, morwa-rra, ke mo khutsafalong ka ntlha ya gago. Ke ne ke go rata thata, lorato lwa gago lo nkgakgamatsa go gaisa lorato lwa basadi.

27 Kana bagale ba ole jang! Dibolai tsa ntwa tsa latlhega.”

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan