Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

2 Litihalo 4 - Setswana 1970


Aletare ya kgotlho le didiri tse dingwe tsa Tempele
( 1 Dikg. 7:23-51 )

1 Le gona a dira aletare ya kgotlho, boleele jwa yona e le mabogo a le 20 le bophara jwa yona e le mabogo a le 20, bogodimo jwa yona e le mabogo a le some.

2 A ba a dira lewatle le le bopilweng la kgotlho; go le kgabaganya go tswa losing go ya losing e ne e le mabogo a le some; le le tshekeletsa; boteng jwa lone e le mabogo a le matlhano, mme mogala wa mabogo a le 30 o le kopanya tikologong.

3 Ditshwantsho tsa diphare di ne di le dikologa ka fa tlase ga losi tikologong yotlhe; di ne di le some mo letsogong le le lengwe, di dikologa lewatle tikologong, e le methalo e mebedi ya diphare, di bopilwe mmogo le lewatle, fa le bopiwa.

4 Le ne le pegilwe mo dikgomong di le 12, di le tharo di lebile kwa bokone, tse tharo kwa bophirimatsatsi, tse tharo kwa borwa, tse tharo kwa botlhabatsatsi, mme lewatle le le mo godimo ga tsona, marago otlhe a le ka fa tlase ga lone.

5 Bokima jwa lobota lwa lone e ne e le bophara jwa seatla; losi lwa lone lo ne lo bopegile jaaka losi lwa nkgo jaaka sethunya se se thuntseng. Le ne le tladiwa ke dinkgo di le 3 000.

6 A ba a dira megopo ya tlhatswetso e le some, a baya e metlhano ntlheng ya le le jang, e metlhano ntlheng ya la molema gore go tlhatswiwe mo go yona. Ba tsokotsa dilo tsa ditlhabelo tsa phiso mo go yona. Mme lewatle e ne e le la baperesiti go tlhapa mo go lone.

7 A ba a dira ditlhomo tsa dipone tsa gouta di le some ka fa molaong wa tsona, a di baya mo Felong-ga-Boitshepo, tse tlhano mo ntlheng ya le le jang, tse tlhano mo ntlheng ya la molema.

8 A ba a dira ditafole di le some, a di baya mo Felong-ga-Boitshepo, tse tlhano mo ntlheng ya le le jang, tse tlhano mo ntlheng ya la molema; a ba a dira dijana tsa go kgatsha di le lekgolo tsa gouta.

9 A ba a dira lelapa la baperesiti le lelapa le legolo le ditswalo tsa lelapa; dipati tsa tsona a di manega kgotlho.

10 Lewatle lone a le baya kwa sekhutlong sa Tempele mo botshekeng jwa borwa le botlhabatsatsi.

11 Hurame a ba a dira dipitsa le diolola-molora le dijana tsa go kgatsha. Hurame a ba a fetsa go dira tiro e a e direlang kgosi Salomo kwa Ntlong ya Modimo:

12 E bong maotwana a mabedi le dikgolokwe tsa ditlhogo tse di mo godimo ga maotwana a mabedi le ditharaanyo tse pedi tsa go kgabisa dikgolokwe tse pedi tsa ditlhogo tse di mo godimo ga maotwana

13 le digaranata di le 400 tsa ditharaanyo tse pedi, e le dikeetane tse pedi tsa digaranata tsa tharaanyo nngwe le nngwe go kgabisa dikgolokwe tse pedi tsa ditlhogo tse di mo godimo ga maotwana

14 le dikolotsana tsa tlhatswetso di le some le megopo e le some mo go tsona

15 le lewatle le le lengwe le dikgomo di le 12 ka fa tlase ga lone

16 le dipitsa le diolola-molora le diroophata le didiri tsotlhe tsa teng. Tsotlhe tseo Hurame-Abi a di direla kgosi Salomo go nna tsa Ntlo ya Morena, e le tsa kgotlho e e gotlhilweng.

17 Kgosi ya laela Hurame go di bopa kwa lebaleng la Joretane ka dibopelo tsa mmu wa letsopa fa gare ga Sukothe le Sereta.

18 Salomo a dira didiri tsotlhe tseo, e le tse dintsintsi; gonne bokete jwa kgotlho ya tsona bo ne bo se na selekanyo.

19 Salomo a dira didiri tsotlhe tsa Ntlo ya Modimo, e bong aletare ya gouta le ditafole tsa dinkgwe tsa tshupo;

20 le ditlhomo tsa dipone le dipone tsa tsona tsa gouta e e sa pekwang go di tshuba ka fa molaong ka fa ntle ga Felo fa go kwa Tengteng;

21 le dithunya le dipone le dipoma tsa tsona tsa gouta; tsotlhe e le tsa gouta e e sa pekwang;

22 le dithipa le dijana tsa go kgatsha le megopo le diolola-molora tsa gouta e e sa pekwang. Fa e le mojako wa Tempele, ditswalo tsa ona tsa ka fa teng tsa Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le ditswalo tsa Felo-ga-Boitshepo e ne e le tsa gouta.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan