2 Bakorinta 3 - Setswana 1970Kgalalelo ya Kgolagano e ntšhwa le ya boapostolo 1 A re simolola gape go itshupela? Kampo a le rona re batla dikwalo tse di re begang mo go lona jaaka ba bangwe, gongwe tse lona lo re begang ka tsona? 2 Ke lona lokwalo lwa rona lo lo kwadilweng mo dipelong tsa rona, lo lo itsiweng, lo lo buisiwang ke batho botlhe; 3 ka lo ntse lo bonala gore lo lokwalo lwa ga Keresete lo lo dirilweng ke rona, lwa kwalwa, e seng ka enke, mme e le ka Mowa wa Modimo o o tshelang, e seng mo matlapeng a maboti, mme e le mo matlapeng a nama a dipelo. 4 Mme re na le boikanyo jo bo ntseng jalo go Modimo ka Keresete. 5 Ga se gore rona ka rosi re nonofile go ka akanya sengwe ka borona, mme nonofo ya rona e tswa mo Modimong 6 o o re nonofisitseng go nna badiredi ba kgolagano e ntšhwa, e seng ba tlhaka ya Lokwalo, mme e le ba Mowa; gonne tlhaka e a bolaya, mme Mowa o a phedisa. 7 Mme fa tirelo ya loso e e kwadilweng ka ditlhaka mo matlapeng e ne e tlala kgalalelo, mo Baiseraele ba neng ba palelwa ke go tlhoma matlho mo sefatlhegong sa ga Moše ka ntlha ya kgalalelo ya sefatlhego sa gagwe, etswe e le e e tla nyelelang, 8 kana tirelo ya Mowa yone e tla nna le kgalalelo e kgolo bogolo jang ne! 9 Gonne fa tirelo ya katlholo e na le kgalalelo, tirelo ya tshiamo yona e tla bo e tletse kgalalelo bogolo bogolo; 10 gonne golo fa se se galaleditsweng ga se tlhole se galalediwa ka ntlha ya kgalalelo e e feteletseng. 11 Gonne fa sona se se nyelelang se ne se na le kgalalelo, se se nnelang ruri se tla nna le kgalalelo e kgolo bogolo. 12 E re ka jaanong re na le tsholofelo e e ntseng jalo, re dirisa bopelokgale jo bogolo, 13 mme ga re etse Moše yo o neng a bipa sefatlhego sa gagwe ka lesire gore Baiseraele ba se ka ba bona bokhutlo jwa se se nyelelang. 14 Mme maitlhômô a bone a thatafaditswe; gonne go fitlha letsatsing la kajeno lone lesire leo le ntse le le mo puisong ya kgolagano e kgologolo, le sa tlosiwe; gonne e tlosiwa ka Keresete fela. 15 Mme go fitlha letsatsing la kajeno, e a re fa Lokwalo lwa ga Moše lo buisiwa, lesire le nne mo dipelong tsa bone; 16 mme fa ba ka boela go Morena, lesire le tla tlosiwa. 17 Morena ke ene Mowa, mme kwa Mowa wa Morena o leng teng, gona go kgololesego. 18 Mme rona rotlhe, e re ka re bonatsa kgalalelo ya Morena jaaka seiponi ka difatlhego tse di sirolotsweng, re fetolelwa tshwanong eo go tswa kgalalelong nngwe go ya kgalalelong e nngwe, jaaka go dirwa ke Morena yo e leng Mowa. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa