1 Yohane 5 - Setswana 1970Tumelo mo go Jesu, le maungo a yona 1 Mongwe le mongwe yo o dumelang gore Jesu ke ene Keresete o tsetswe ke Modimo; mme mongwe le mongwe yo o ratang one o o tsetseng, e bile o rata ba ba tsetsweng ke one. 2 Se re itseng ka sona gore re rata bana ba Modimo ke fa re rata Modimo, re be re dirafatsa ditaolo tsa ona. 3 Gonne lorato lwa go rata Modimo ke fa re tshegetsa ditaolo tsa ona, mme ditaolo tsa ona ga di thata. 4 Gonne botlhe ba ba tsetsweng ke Modimo ba fenya lefatshe; mme tumelo ya rona ke yona phenyo e e fentseng lefatshe. 5 Mme ke mang yo o fenyang lefatshe fa e se ene yo o dumelang gore Jesu ke Morwa Modimo? 6 Yo ke ene yo o tsileng ka metsi le madi, Jesu Keresete, e seng ka metsi a le osi, mme e le ka metsi le madi. Mme Mowa ke one o o supang, gonne Mowa ke boammaaruri. 7 Gonne go ba bararo ba ba supang, 8 e bong Mowa le metsi le madi; boraro jo, bo supela gongwe. 9 Fa re tshola tshupo ya batho, tshupo ya Modimo e kgolo bogolo; gonne tshupo ya Modimo ke yona e, e o e supileng ka ga Morwaa-ona. 10 Yo o dumelang mo go Morwa Modimo o na le tshupo mo teng ga gagwe. Yo o sa dumeleng Modimo o o dirile moaki, ka a se ka a dumela tshupo e Modimo o e supileng ka ga Morwaa-ona. 11 Mme tshupo eo ke e e reng: Modimo o re neile bophelo jo bo sa khutleng, mme botshelo joo bo mo go Morwaa-ona. 12 Yo o nang le Morwa o na le bophelo; yo o se nang Morwa Modimo ga a na bophelo. 13 Dilo tseo ke di lo kwaletse gore lona ba lo dumelang mo leineng la Morwa Modimo, lo itse gore lo na le bophelo jo bo sa khutleng. 14 Mme namatshego e re nang nayo mo go ona ke ya gore o a re utlwa, fa re kopa sengwe ka fa go rateng ga ona. 15 Mme fa re itse gore o a re utlwa, le fa re ka ne re kopa eng, foo re itse gore re setse re tshotse tse re di kopileng mo go ona. 16 Fa motho a bona morwa-rraagwe a leofa ka boleo jo bo sa iseng kwa losong, a a kope, mme Modimo o tla mo neela bophelo, o bo neela ba ba sa leofang ka boleo jo bo isang kwa losong. Go na le boleo jo bo isang kwa losong; ga ke bue ka ga jona, fa ke re, a a kope. 17 Tshiamololo nngwe le nngwe ke boleo; mme go na le boleo jo bo sa iseng kwa losong. 18 Re itse gore mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a leofe; yo Modimo o mo tsetseng o a mmoloka, mme yo-o-bosula ga a na go mo tshwara. 19 Re itse gore re ba Modimo; mme lefatshe lotlhe le mo thateng ya yo-o-bosula. 20 Re bile re itse gore Morwa Modimo o tsile, a re naya tlhaloganyo ya gore re itse ene yo e leng boammaaruri. Mme re mo go ene yo e leng boammaaruri, mo go Morwaa-ona, Jesu Keresete. Yoo ke ene Modimo wa boammaaruri le bophelo jo bo sa khutleng. 21 Banaka, itiseng mo medimong e sele. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa