1 Yohane 1 - Setswana 1970Lefoko le bonetse mo nameng 1 Re lo anegela se se neng se le teng go tloga tshimologong, se re se utlwileng, se re se bonyeng ka matlho a rona, se re se lebileng, se diatla tsa rona di se fophotseng, e bong sa Lefoko la botshelo – 2 mme botshelo bo bonetse, re bile re bo bonye; re a supa, re lo begela botshelo jo bo sa khutleng, jo bo neng bo le fa go Rara, mme bo re bonatsegetse. – 3 Se re se bonyeng, ra se utlwa, le lona re a se lo rerela gore le lona lo nne le kopano le rona; mme kana kabelano ya rona ke ya go kopana le Rara le Jesu Keresete Morwawe. 4 Dilo tse re di lo kwalela gore boitumelo jwa lona e nne jo bo tletseng. Modimo ke lesedi. Ba ba sa tsamaeng mo leseding ga ba na kopano nao 5 Molaetsa o re o utlwileng mo go ene, o e bileng re o lo begela ke wa go re: Modimo ke lesedi, mme ga go na lefifi lepe mo go ona. 6 Fa re re, re na le kopano le ona, mme re tsamaya mo lefifing, re a aka, ga re dire boammaaruri. 7 Mme fa re tsamaya mo leseding jaaka ona o le mo leseding, re na le kopano mongwe le yo mongwe, e bile madi a ga Jesu Keresete, Morwaa-ona, a re itshekisa boleo jotlhe. Ka ga boipobolo jwa maleo le boitshwarelo jwa Morena 8 Fa re re, ga re na boleo, re a itsietsa, mme boammaaruri ga bo yo mo go rona, 9 mme fa re ipobola maleo a rona, ona o boikanyo le tshiamo go re itshwarela maleo le go re itshekisa tshiamololo yotlhe. 10 Fa re re, ga re a leofa, re o dira moaki, mme Lefoko la ona ga le yo mo go rona. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa