1 Timoteo 2 - Setswana 1970Thapelo ya go rapelela batho botlhe 1 Jaanong ke kaela pele ga tsotlhe gore dikopo le dithapelo le dithapelelo le ditebogo di direlwe batho botlhe, 2 le dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo, gore re nne le bophelo jwa boiketlo le tidimalo ka poifo-Modimo yotlhe le ka tlotlego. 3 Go dira jalo go molemo, go bile go natefela Modimo, Morepholosi, 4 o o ratang gore batho botlhe ba pholosiwe le go fitlha mo kitsong ya boammaaruri. 5 Gonne go Modimo o le mongwe fela le motsereganyi a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, e bong Keresete Jesu, a le motho, 6 yo o ineetseng go nna tefo ya kgololo ya botlhe; ke yona tshupo e e tla rerwang ka metlha e e leng yona, 7 e ke laotsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo wa yona le moruti wa baheitane go ba isa mo tumelong le mo boammaaruring; ke bua nnete mo go Keresete, ga ke ake. 8 Ke ka moo ke ratang gore banna ba rapele mo mafelong otlhe, ba tsholeditse mabogo a a boitshepo kwa ntle ga bogale le pelaelo. Ditshwanelo tsa mosadi 9 Le gona jalo ke rata gore basadi ba kgabe ka diaparo tse di tshwanetseng ka tshisimogo le ka tekano, e seng ka meriri e e logilweng le ka gouta, gongwe ka ditalama le diaparo tsa tlhotlhwa e kgolo, 10 mme e nne ka ditiro tse di molemo jaaka go tshwanetse basadi ba ba ratang go supa poifo-Modimo. 11 A mosadi a ithute mo tidimalong ka boikokobetso jotlhe. 12 Ga ke letlelele mosadi go ruta, le fa e le go laola monna, mme a a nne mo tidimalong. 13 Gonne Atame o bopilwe pele, Efa a bopiwa morago. 14 Le gona Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi ene a tsiediwa, a wela mo molatong. 15 Mme o tla pholosiwa ka go belega bana, fa basadi ba ka nna ba ntse ba le mo tumelong le mo loratong le mo boitshepisong jo bo nang le tekano. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa