1 Samuele 8 - Setswana 1970Baiseraele ba batla kgosi 1 E rile Samuele a sena go tsofala, a dira bomorwawe basiamisi ba Iseraele. 2 Leina la morwawe yo mogolo e ne e le Joele; leina la wa bobedi wa gagwe e le Abia. Ba ne ba atlhola kwa Bereseba. 3 Fela bomorwawe ga ba a ka ba sepela mo ditseleng tsa gagwe. Ba bapala ka bopelotshetlha, ba amogela dithelesetso, ba sokamisa tshiamo. 4 Ke fa bagolo botlhe ba Iseraele ba kgobokana ba tla kwa go Samuele kwa Rama, 5 ba mo raya ba re: “Bona, wena o tsofetse, mme bomorwao ga ba sepele mo ditseleng tsa gago. Jaanong he, re beele kgosi gore e re buse, re tshwane le ditšhaba tsotlhe.” 6 Mme lefoko leo le ne le le bosula mo matlhong a ga Samuele, fa ba re: “Re neele kgosi gore e re buse.” Ka moo Samuele a rapela Morena. 7 Mme Morena a raya Samuele a re: “Utlwa lentswe la morafe mo go tsotlhe tse ba di buileng nao; gonne ga ba latlhe wena, mme ba latlha nna gore ke se ka ka nna kgosi ya bone. 8 Le wena ba go direla jaaka ba dirile ka gale go tloga letsatsing le ke ba ntshitseng kwa Egepeto ka lone go fitlha letsatsing la kajeno, ba ntlogela, ba direla medimo e sele. 9 Mme jaanong utlwa mantswe a bone. Fela tse ba tshwanetseng go di direla kgosi e e tla ba busang o di ba tlhalosetse, o di ba itsise.” 10 Mafoko otlhe a Morena Samuele a a bolelela morafe o o lopileng kgosi mo go ene, 11 a re: “Tse di siametseng kgosi e e tla lo busang ke tse: E tla tsaya bomorwaa-lona, e ba dira batlhanka ba dikoloi tsa yona le ba dipitse tsa yona le go taboga fa pele ga koloi ya yona. 12 Le gona e tla ba tsaya go ba ipeela balaodi ba sekete le balaodi ba lekgolo le balaodi ba 50; le gore ba leme masimo a yona, ba robe thobo ya yona, ba dire dibolai tsa yona tsa ntwa le dilo tsa dikoloi tsa ntwa tsa yona. 13 E tla tsaya bomorwadia-lona gore e nne batlhakanyi ba ditswaiso le baapei le babesi. 14 Fa e le masimo a lona le masimo a meweine a lona le ditlhare tsa olefa tsa lona e tla tsaya tse di molemo tsa teng, e di naya batlhanka ba yona. 15 E tla tsaya palo ya bosome ya mabele a lona le ya masimo a meweine a lona, e e naya badiredi ba yona ba lelapa le batlhanka ba yona. 16 E tla tsaya batlhanka ba lona le malata a lona le dikgomo tse dintle tsa lona le diesele tsa lona, e dira tiro ya yona ka tsotlhe tseo. 17 E tla tsaya palo ya bosome ya matsomane a lona; le lona lo tla nna batlhanka ba yona. 18 Ka sebaka seo lo tla lela ka ntlha ya kgosi e lo e itlhophetseng, mme foo Morena ga a kitla a lo utlwa.” 19 Fela morafe wa gana go utlwa lentswe la ga Samuele wa re: “Nnyaya! A kgosi e re buse 20 gore le rona re tshwane le ditšhaba tsotlhe, mme kgosi ya rona e re atlhole, e re etelele pele le mo dintweng.” 21 Ya re Samuele a sena go utlwa mafoko otlhe a morafe, a a bolela mo ditsebeng tsa Morena. 22 Mme Morena a raya Samuele a re: “Utlwa mantswe a bone, o ba beele kgosi.” Ke fa Samuele a raya banna ba Iseraele a re: “Tsamayang, a mongwe le mongwe a ye gae.” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa