Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Samuele 7 - Setswana 1970

1 Banna ba Khiriathe-Jearime ba tla, ba tsaya Letlole la Morena, ba le isa kwa ntlong ya ga Abinatabe e e kwa thoteng; ba itshepisa Eleasare morwawe gore a dise Letlole la Morena.


Samuele o busa Baiseraele

2 Go tloga letsatsing leo Letlole le ileng go nna kwa Khiriathe-Jearime ka lone ga feta sebaka se seleele sa dinyaga di le 20, mme Baiseraele botlhe ba lela, ba lela Moreneng.

3 Mme Samuele a raya Baiseraele botlhe a re: “Fa lo rata go boela kwa Moreneng ka pelo yotlhe, tlosang medimo e sele e e mo gare ga lona le boAšethorethe, lo ineele Morena ka dipelo tsa lona, lo mo direle a le esi; foo o tla lo pholosa mo diatleng tsa Bafelesita.”

4 Ke fa Baiseraele ba tlosa boBaale le boAšethorethe, ba direla Morena a le esi.

5 Samuele a ba a re: “Phuthelang Baiseraele botlhe kwa Mitsepha gore ke lo rapelele Morena.”

6 Ke fa ba phuthegela kwa Mitsepha, ba ga metsi, ba a tshololela fa pele ga Morena, ba itima dijo ka letsatsi leo, ba ipobola teng ba re: “Re leofetse Morena.” Mme Samuele a siamisa Baiseraele kwa Mitsepha.

7 Jaanong e rile Bafelesita ba utlwa gore Baiseraele ba phuthegetse kwa Mitsepha, dikgosana tsa Bafelesita tsa bololela Baiseraele; ya re Baiseraele ba utlwa jalo, ba boifa Bafelesita.

8 Mme Baiseraele ba raya Samuele ba re: “Se khutle go re rapelela Morena, Modimo wa rona, gore a re pholose mo diatleng tsa Bafelesita.”

9 Ke fa Samuele a tsaya kwanyana e e anyang e le nngwe, a e tlhabela Morena go nna setlhabelo se se fisiwang gotlhe; le gona Samuele a rapela Morena, a rapelela Baiseraele, mme Morena a mo utlwa.

10 Jaanong ya re Samuele a sa ntse a fisa setlhabelo, Bafelesita ba atamela go tlhabana le Baiseraele. Mme Morena a dumisa maru ka tumo e kgolo godimo ga Bafelesita ka letsatsi leo, a ba raraanya, mme ba fenngwa ke Baiseraele.

11 Mme banna ba Iseraele ba bolola kwa Mitsepha, ba khutšhela Bafelesita, ba ba bolaya go ya go fitlha kwa tlase ga Bethe-Kara.

12 Ke fa Samuele a tsaya lefika, a le tlhoma fa gare ga Mitsepha le Šene, a le taya leina la Ebenesere, a re: “Morena o re thusitse go fitlha kajeno.”

13 Bafelesita ba ne ba kokobediwa jalo, ba se ka ba tlhola ba tla gape mo nageng ya Iseraele. Mme seatla sa Morena sa nna sa imela Bafelesita ka malatsi aotlhe a ga Samuele.

14 Le metse e Bafelesita ba neng ba e amogile Baiseraele ya boela kwa Baiseraeleng go tloga kwa Ekerone go fitlha kwa Gathe. Le naga ya yona Baiseraele ba e gapa mo diatleng tsa Bafelesita. Le gona ga nna kagiso fa gare ga Baiseraele le Baamori.

15 Samuele a siamisa Baiseraele ka malatsi aotlhe a botshelo jwa gagwe.

16 O ne a tle a tsamaya ka ngwaga le ngwaga, a etele Bethele le Gilegala le Mitsepha, a atlhole Baiseraele mo mafelong aotlhe ao.

17 A be a boele kwa Rama; gonne ntlo ya gagwe e ne e le gona; a atlhole Baiseraele gona. Le gona a agela Morena aletare teng.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan