1 Samuele 28 - Setswana 19701 E rile ka malatsi ao Bafelesita ba phutha mephato ya bone go ya ntweng go tlhabana le Baiseraele, Agiše a raya Dafita a re: “Itse sentle gore o tshwanetse go bolola le nna mo mophatong, wena le banna ba gago.” 2 Dafita a fetola Agiše a re: “Go siame! Jaanong o tla bona se motlhanka wa gago a kgonang go se dira.” Agiše a raya Dafita a re: “Ka moo ke go dira mofemedi wa tlhogo ya me ka metlha yotlhe.” Saule o batla thuso kwa mosading wa moitseanape 3 Kana Samuele o ne a sule, Baiseraele botlhe ba ne ba mo leletse, ba mo fitlhile kwa Rama mo motseng wa ga gabo. E bile Saule o ne a tlositse ba ba buisang badimo le baitseanape mo lefatsheng. 4 Jaanong ya re Bafelesita ba phuthega, ba fitlha, ba thibelela kwa Suneme, le Saule a phutha Baiseraele botlhe, ba thibelela kwa Gileboa. 5 Ya re Saule a bona mephato ya Bafelesita, a boifa; pelo ya gagwe ya roroma thata. 6 Saule a botsa Morena, mme Morena a se ka a mo araba, e seng ka ditoro le e seng ka Lesedi le e seng ka baporofeti. 7 Ke fa Saule a raya batlhanka ba gagwe a re: “Mpatleleng mosadi yo o itseng go buisa baswi gore ke ye kwa go ene, ke mmotse.” Batlhanka ba gagwe ba mo araba ba re: “Mosadi yo o buisang baswi o teng kwa Entore.” 8 Jaanong Saule a iphetola ka go apara diaparo di sele, a ya a na le banna ba le babedi, ba fitlha kwa mosading yole bosigo, mme Saule a re: “A ko o mpolelele tsa boitseanape ka thuso ya mowa wa moswi, o ntlisetse yo ke tla mo go bolelelang.” 9 Mme mosadi yoo a mo fetola a re: “Kana o itse se Saule o se dirileng, fa a fedisa ba ba buisang badimo le baitseanape mo lefatsheng. Ke ka ntlha ya eng, fa o tsile go ntalela gore ke tle ke bolawe.” 10 Ke fa Saule a mo ikanela ka Morena a re: “Ka bophelo jwa Morena! Ga o kitla o welwa ke molato ope ka tiro e.” 11 Jaanong mosadi a botsa a re: “Ke go tlisetse mang?” A re: “Ntlisetse Samuele.” 12 Ya re mosadi a bona Samuele, a goa ka lentswe le legolo, a ba a raya Saule a re: “O ntsieleditseng? Kana o Saule.” 13 Kgosi ya mo raya ya re: “Se boife! Mme o bona eng?” Mosadi a araba Saule a re: “Ke bona mowa wa moswi o tswa mo lefatsheng.” 14 Saule a mmotsa a re: “Sebopego sa ona ke se se ntseng jang?” Mosadi a re: “Monna mogolo o tlhatloga, a apere kobo.” Ke fa Saule a lemoga gore ke Samuele; a ba a inamela fa fatshe ka sefatlhego a ikoba. 15 Mme Samuele a raya Saule a re: “O ntshwenyetsang ka go mpitsa?” Saule a re: “Ke tlaletswe thata. Bafelesita ba tlhabana le nna, mme Modimo o ntlogetse; ga o tlhole o nkaraba le e seng ka baporofeti le e seng ka ditoro. Ke ka moo ke go biditseng gore o nkitsise se ke tshwanetseng go se dira.” 16 Samuele a ba a re: “O mpoletsang, etswe Morena o go tlogetse, a tswa mmaba wa gago? 17 Morena o dirile jaaka a buile ka nna. O phamotse bogosi mo diatleng tsa gago, a bo neela yo mongwe, e bong Dafita. 18 Ka gore ga o a ka wa utlwa lentswe la Morena, ga o a ka wa dirafatsa bogale jo bo tukang jwa gagwe mo go Baamaleke; ke ka moo Morena o go diretseng tsona tse gompieno. 19 Le gona Morena o tla go neela le Baiseraele mo diatleng tsa Bafelesita. Gape wena le bomorwao lo tla bo lo na le nna kamoso. Le mephato ya Baiseraele Morena o tla e neela mo diatleng tsa Bafelesita.” 20 Ya ba gona Saule a welang fa fatshe ka letshogo, a namalala ka boleele jotlhe jwa gagwe, a boifa thata ka ntlha ya mafoko a ga Samuele. Le gona o ne a setse a feletswe ke thata, gonne o ne a ise a je sepe motshegare otlhe le bosigo jotlhe. 21 Jaanong mosadi yole a tla kwa go Saule, mme ya re a mmona a tshogile thata, a mo raya a re: “Kana lelata la gago le dirile se o se le boleletseng, ka se ka ka rekegela botshelo jwa me, ka utlwa mafoko a gago a o a buileng le nna. 22 Jaanong he, le wena a ko o utlwe lentswe la lelata la gago. Ke tla baya thathana ya bogobe fa pele ga gago, e je gore o nne le thata, fa o tsamaya mo tseleng.” 23 Mme a gana a re: “Ga ke rate go ja.” Fela ya re batlhanka ba gagwe le ene mosadi ba mo emelela, a ba utlwa, a namologa fa fatshe, a nna mo bolaong. 24 Jaanong mosadi a bo a na le namane e e nonneng mo lapeng; a akofa a e tlhaba, a ba a tsaya bupe a bo duba, a besa dinkgwe tse di sa bedisiwang. 25 A ba a di tlisa, a di baya fa pele ga Saule le fa pele ga batlhanka ba gagwe. Ya re ba sena go ja ba nanoga, ba tsamaya bosigo joo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa