1 Samuele 24 - Setswana 1970Dafita o rekegela Saule 1 Dafita a tloga teng, a tlhatloga a nna kwa dikgageng tsa Engedi. 2 Jaanong ya re Saule a boa a tswa go leleka Bafelesita, a bolelelwa ga twe: “Bona, Dafita o kwa sekakeng sa Engedi.” 3 Ke fa Saule a tsaya banna ba le 3 000 ba ba tlhaotsweng mo Baiseraeleng botlhe, a ya go batla Dafita le banna ba gagwe kwa ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mafika a Diphudufudu. 4 Ya re a fitlha kwa marakeng a dinku a a fa thoko ga tsela fa go leng logaga, Saule a tsena teng go ithoma, Dafita le banna ba gagwe ba ntse ba le kwa tengteng ga logaga. 5 Ke fa banna ba ga Dafita ba mo raya ba re: “Bona, ke lone letsatsi le Morena o le go boleletseng a re: ‘Itse gore ke tla neela mmaba wa gago mo diatleng tsa gago gore o mo direle ka fa o ratang ka teng.’ ” Dafita a nanoga, a kgaola moja wa kobo ya ga Saule, a sa mmone. 6 Mme morago ga moo Dafita a itewa ke letswalo, ka a kgaotse moja wa kobo ya ga Saule. 7 A ba a raya banna ba gagwe a re: “A Morena a nthibele gore ke se ka ka direla morena wa me, motlodiwa wa Morena, selo se, ka mo ntshetsa letsogo; gonne ke ene motlodiwa wa Morena.” 8 Dafita a kgalemela banna ba gagwe ka mafoko a a bogale, a se ka a ba dumelela go tsogela Saule. Saule a ba a nanoga, a tswa mo logageng a wela tseleng. 9 Morago ga moo Dafita le ene a nanoga, a tswa mo logageng, a tlhaeletsa Saule a re: “Morena wa me, kgosi!” Ya re Saule a gadima, Dafita a inamela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba. 10 Dafita a ba a raya Saule a re: “O dumelelelang mafoko a batho, fa ba re: ‘Bona, Dafita o rata go go direla bosula’? 11 Kana matlho a gago a bona jaanong ka fa Morena a go neetseng ka teng mo diatleng tsa me kajeno mo logageng, mme go tilwe, ke go bolae, mme ka go rekegela ka re: ‘Ga nkitla ke ntshetsa morena wa me letsogo, gonne ke ene motlodiwa wa Morena.’ 12 Rra, leba, o be o bone moja wa kobo ya gago o o mo seatleng sa me, jaaka ke o kgaotse, mme ka se ka ka go bolaya; o ka lemoga, wa bona fa go se na bosula gongwe bolotsana mo pelong ya me. Ga ke a go leofela, mme wena o ntsoma go nkamoga bophelo. 13 Morena o tla atlhola fa gare ga me le wena; Morena o tla mpusolosetsa mo go wena. Mme seatla sa me ga se kitla se lwa nao. 14 Jaaka seane sa bogologolo se re: ‘Boikepo bo tswa mo baikeping!’ Mme seatla sa me ga se kitla se go ama. 15 Kgosi ya Iseraele e bolotse go latelela mang? Wena o tsoma mang? O latelela ntšwa e e suleng, o tsoma letsetse le le lengwe fela. 16 Morena o tla nna moatlhodi, a atlhola fa gare ga rona, a a ele tlhoko, a lwele kgang ya me, a nkatlholele, a nkgolole mo seatleng sa gago!” 17 Ya re Dafita a sena go bua mafoko ao le Saule, Saule a re: “A ke lone lentswe la gago, morwaaka Dafita?” A ba a tlhatlosa lentswe, a lela, 18 a raya Dafita a re: “Wena o siame bogolo go nna; gonne o ntiretse tse di molemo, mme nna ke go diretse tse di bosula. 19 Kajeno o mpontshitse tse di molemo tse o di ntiretseng, etswe Morena a nneetse mo diatleng tsa gago, mme wa se ka wa mpolaya. 20 A fa motho a tshwara mmaba wa gagwe, o ka mo naya tsela ka kagiso? A Morena a go duele ka tse di molemo ka ntlha ya tse o di ntiretseng. 21 Mme jaanong, ke a itse gore o tla nna kgosi tota; e bile bogosi jwa lseraele bo tla tlhomama mo seatleng sa gago. 22 Jaanong he, inkanele ka Morena gore ga o kitla o nyeletsa losika lwa me sehularong sa me le e seng go phimola leina la me mo lapeng la ga rre.” 23 Dafita a ikanela Saule jalo. Saule a ba a boela kwa lapeng la gagwe. Dafita le banna ba gagwe ba tlhatlogela kwa logageng lwa thaba. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa