1 Samuele 21 - Setswana 1970Dafita o tshabela kwa Nobe 1 Dafita a fitlha kwa Nobe kwa go moperesiti Ahimelege. Ahimelege a kgatlhantsha Dafita a tshogile a mmotsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o tla o le wesi fela o se na le ope?” 2 Dafita a araba moperesiti Ahimelege a re: “Kgosi e ntaetse tiro nngwe, ya nthaya ya re: ‘A go se nne ope yo o itseng sepe sa tiro e ke e go romileng le e seng se ke se go laetseng.’ Kana le batlhanka ke ba romile kwa felong ga bolebelebe. 3 Jaanong he, go na le eng fa lapeng? Mphe dinkgwe di le tlhano gongwe se se leng teng.” 4 Moperesiti a araba Dafita a re: “Ga ke na senkgwe sa metlha yotlhe, mme senkgwe se se leng teng ke se se boitshepo fela; lo ka se fiwa fela fa batlhanka ba ikileditse basadi.” 5 Dafita a araba moperesiti a mo raya a re: “Ruri, e setse e le sebaka re ntse re ileditswe basadi. E rile ke bolola mebele ya batlhanka ya bo e le boitshepo le fa e le leeto fela le le sa itshepisiwang. Bogolo jang ba tla bo ba itshekile kajeno mo mebeleng.” 6 Ke fa moperesiti a mo naya dinkgwe tse di boitshepo; gonne go ne go se na dinkgwe tse dingwe fa e se dinkgwe tsa tshupo tse di neng di tle di tlosiwe fa pele ga Morena gore go bewe tse dintšhwa teng ka letsatsi le go tlosiwang tse kgologolo ka lone. 7 Mme ka letsatsi leo go ne go le mongwe wa batlhanka ba ga Saule, a golegilwe fa pele ga Morena; leina la gagwe e ne e le Doege wa Moetomo, mookamedi wa badisa ba ga Saule. 8 Jaanong Dafita a botsa Ahimelege a re: “A ga go na lerumo gongwe tšhaka fano? Gonne ga ke a tshola tšhaka ya me le fa e le dibolai; kana tiro ya kgosi e re tlositse ka potlako.” 9 Moperesiti a re: “Tšhaka ya ga Goliathe wa Mofelesita yo ò mmolaetseng kwa molapong wa ditlhare tsa metherebinthe e teng, e phuthilwe ka lesela ka fa morago ga khiba ya moperesiti; fa o rata go e tsaya e tsee; gonne ga go na e nngwe kwa ntle ga yona.” Dafita a re: “Ga go na epe e e tshwanang nayo, e nnee!” 10 Jaanong Dafita a nanoga a tshaba ka letsatsi leo ka ntlha ya ga Saule, a ya kwa go Agiše kgosi ya Gathe. 11 Mme batlhanka ba ga Agiše ba mo raya ba re: “Yoo a ga se Dafita motlhanka wa kgosi ya lefatshe lele? A ga se ene yo ba neng ba mo opela dipina ba re: ‘Saule o bolaile dikete, mme Dafita ene o bolaile kete tse some’?” 12 Mme mafoko ao a ne a tshosa Dafita, a boifa thata, a tshaba Agiše, kgosi ya Gathe. 13 Ka moo a iphetola tlhaloganyo mo matlhong a bone, a itira setsenwa a le mo diatleng tsa bone, a ngapa mo ditswalong tsa kgoro, a lesa mathe a gagwe a elela mo ditedung. 14 Ke fa Agiše a raya batlhanka ba gagwe a re: “Kana lo bona monna yo gore o tsenwa! Ke kantlha ya eng, fa lo mo tlisa kwano? 15 A ke tlhoka ditsenwa fa lo mo tlisa gore a tle go ntshwenya ka botsenwa jwa gagwe? A yoo o ka tsena mo ntlong ya me?” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa