1 Samuele 2 - Setswana 1970Thapelo ya ga Hana 1 Ke fa Hana a rapela a re: “Pelo ya me e dudueletsa Morena. Lonaka lwa me lo thatafaditswe ke Morena. Molomo wa me o bulegetse baba ba me. Gonne ke itumelela pholoso ya gago. 2 Ga go na ope yo o boitshepo jaaka Morena; gonne ga go na ope kwa ntle ga gago; ga go na lefika le le tshwanang le Modimo wa rona. 3 Se bueng tsa maikgantsho a magolo ka gale; a tsa matepe di se ka tsa tswa mo melomong ya lona. Gonne Morena ke Modimo o o itseng tsotlhe; ditiro di tlhatlhojwa ke ene. 4 Mara a dinatla a robegile; mme ba ba theekelang ba itlamile ka thata. 5 Ba ba neng ba kgora ba ile go jaka dijo; ba ba neng ba bolawa ke tlala ba a kgora. Moopa le ene o belege ba supa; mmabontsi o swabile. 6 Morena o a bolaya, e bile o a phedisa; o folosetsa kwa felong ga baswi, e bile o tlhatlosa teng. 7 Morena o a humanegisa, e bile o a humisa; o a kokobetsa, le gona o a godisa. 8 O tsosa ba ba fokolang mo leroleng, o tsholetsa bahumanegi mo thotobolong go ba nnisa le batlotlegi; o ba ruisa sedulo sa bogosi sa kgalalelo. Gonne maotwana a lefatshe ke a Morena, o beile lefatshe mo go ona. 9 O tla sireletsa dinao tsa baitshepi ba gagwe, mme baikepi ba tla swela mo lefifing; gonne motho ga a kgone sepe ka thata ya gagwe. 10 Ba ba lwang le Morena ba tla phatlakanngwa; o tla ba dumisetsa maru kwa legodimong. Morena o tla atlhola dikhutlo tsa lefatshe, a naya kgosi ya gagwe thata, a natlafatsa lonaka lwa motlodiwa wa gagwe.” 11 Jaanong Elekana a boela kwa lapeng la gagwe kwa Rama. Ngwana ene a sala, a direla Morena fa pele ga moperesiti Eli. Boikepo jwa bomorwa Eli 12 Mme bomorwa Eli ba ne ba le bosula, ba sa re sepe ka Morena. 13 Ba tlhokomologa tse di laoletsweng baperesiti mo morafeng. E ne ya re fa motho a tlhaba setlhabelo, go tle motlhanka wa moperesiti, nama e ntse e apewa, a tshotse seroophata; 14 a tlhabe mo pitseng gongwe mo pitsaneng gongwe mo paneng gongwe mo sejaneng. Sengwe le sengwe se seroophata se se ntshang moperesiti a se itseele. Ba ne ba direla Baiseraele botlhe jalo ba ba tlang gona kwa Silo. 15 Le gona e ne ya re ba ise ba tshube mafura, go tle motlhanka wa moperesiti, a ree monna yo o tlhabang setlhabelo a re: “Ntsha nama e e besediwang moperesiti. Gonne ga a ka ke a amogela nama e e apeilweng mo go wena fa e se e tala fela.” 16 Mme e ne ya re fa motho a mo raya a re: “Mafura a tshwanetse go tshubiwa pele, morago ga moo o itseele ka fa o ratang ka teng!” ene a fetole a re: “Nnyaya! E mphe jaanong. Go seng jalo, ke tla e tsaya ka thata.” 17 Boleo jwa makau ao bo ne bo le bogolo thata fa pele ga Morena, ka a ne a nyatsa tshupelo ya Morena. Samuele o nna kwa Silo 18 Mme Samuele o ne a ntse a direla fa pele ga Morena, e le mosimane yo o apereng khiba ya letseta. 19 Le gona mmaagwe o ne a tle a mo direle kojwana, a mo tlele nayo ka ngwaga le ngwaga, fa a tlhatlogela teng le monna wa gagwe go tlhaba setlhabelo sa ngwaga. 20 Foo Eli a tshegofatse Elekana le mosadi wa gagwe a re: “A Morena a go nee bana ka mosadi yo boemong jwa ngwana yo a mo kopileng, a mo tsalela Morena.” Jaanong ba ye kwa gae. 21 Mme Morena a direla Hana molemo; a ithwala, a tshola gape bana ba basimane ba le bararo le ba basetsana ba le babedi. Mosimane Samuele ene a golela kwa Moreneng. Eli le bomorwawe 22 Eli o ne a tsofetse thata. Fela e ne e tle e re fa a utlwa tsotlhe tse bomorwawe ba neng ba di direla Baiseraele botlhe le ka fa ba lalang ka teng le basadi ba ba direlang fa mojakong wa Tempelana ya Boipontsho, 23 a ba ree a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo dira dilo tse di bosula jalo, tse ke di utlwang mo morafeng otlhe o? 24 Nnyaya, bomorwaaka! Tumedi e ke e utlwang ga e molemo. Lo leofisa morafe wa Morena. 25 Fa motho a leofela motho, moatlhodi o ka mo atlholela. Mme fa motho a leofela Morena, ke mang yo o ka mo emelang?” Mme ba se ka ba utlwa lentswe la ga rraabo; gonne Morena o ne a ikaeletse go ba bolaya. 26 Mme mosimane Samuele a nna a gola, a ratwa ke Morena le batho. Polelelopele ka ga tatlhego ya lelapa la ga Eli 27 Letsatsi le lengwe monna wa Modimo a tla kwa go Eli, a mo raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘A ga ke re, ke iponaditse sentle mo go ba ga eno, fa ba sa le kwa Egepeto mo taolong ya ga Farao? 28 Ka ba itlhophela mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele go nna baperesiti gore ba palame mo aletareng ya me go fisa maswalo le go apara khiba ya boperesiti fa pele ga me; ka naya ba ga eno ditlhabelo tsotlhe tse di dirwang ka molelo tsa Baiseraele. 29 Ke ka ntlha ya eng fa lo nyatsa setlhabelo sa me le tshupelo ya me tse ke di laotseng go nna tsa moago wa me; ke eng fa o tlotla bomorwao bogolo go nna, lo inontsha ka tse di tlhaotsweng mo ditshupelong tsotlhe tsa Iseraele morafe wa me?’ 30 Ke ka moo Morena Modimo wa Iseraele o buang a re: ‘Ka nnete ke ne ke rile: Ba lapa la gago le ba lapa la ga rraago ba tla sepela fa pele ga me ka bosakhutleng. Mme jaanong go kgakala le nna! Ke tla tlotla ba ba ntlotlang; mme ba ba nnyatsang ba tla nyatsega.’ Morena a re jalo. 31 ‘Bona, malatsi a e tla a ke tla kgaolang letsogo la gago le letsogo la lelapa la ga rraago ka ona gore go se ka ga nna monna wa motsofe mo lapeng la gago. 32 Mme tsotlhe tse di molemo tse Morena o di direlang Baiseraele o tla di leba ka khutsafalo. Ga o kitla o nna le motsofe mo lapeng la gago ka metlha yotlhe. 33 Ke a le mongwe fela wa ga eno yo ke se neng ke mo nyeletsa, ke mo tlosa mo aletareng ya me, e se re gongwe ka ledisa matlho a gago le go tlhokofatsa pelo ya gago, mme botlhe ba ba tla tsalwang mo lapeng la gago ba tla swa ba ise ba tsofale. 34 Sesupo mo go wena se se tla dirafalelang bomorwao ba babedi Hofeni le Phinehase ke sa go re: Ba tla swa ka letsatsi le le lengwe ka bobedi jwa bone. 35 Mme ke tla itlhomela moperesiti yo o ikanyegang; o tla dira tse di mo pelong ya me le mo moweng wa me. Ke tla mo naya losika lo lo tlhomameng; o tla sepela fa pele ga motlodiwa wa me ka metlha yotlhe. 36 Mongwe le mongwe wa masalela a lelapa la gago o tla tla, a mo ikôbêla go kopa ledi la selefera le kgolokwe ya senkgwe a re: A ko o ntsenye mo tirong ya boperesiti, ke tle ke je thathana ya senkgwe.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa