Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Samuele 15 - Setswana 1970


Morena olaela Saule gore a nyeletse Baamaleke

1 Tsatsi le lengwe Samuele a raya Saule a re: “Morena o kile a nthoma go go tlotsa gore o nne kgosi ya morafe wa gagwe wa Iseraele. Ka moo he utlwa mafoko a Morena.

2 Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Ke tla beletsa Baamaleke se ba kileng ba se direla Baiseraele fa ba ba thibela tsela, jale fa ba tswa kwa Egepeto.

3 Yaa jaanong o bolae Baamaleke, o ba nyeletse le tsotlhe tse ba nang natso, ka ba hutsitswe ke Modimo. O se ka wa ba rekegela, mme o bolae banna le basadi le bana le masea le dikgomo le dinku le dikammele le diesele.’ ”

4 Ke fa Saule a kua banna, a ba bala kwa Telaime, e le ba dinao ba le 200 000 le banna ba Juta ba le 10 000.

5 Ya re Saule a fitlha kwa mošate wa Baamaleke a baya balaledi mo molapong.

6 Le gona Saule a raya Bakeni a re: “Nanogang, lo tloge, lo tswe mo gare ga Baamaleke e se re gongwe ka lo nyeletsa nabo; ka gonne lona lo diretse Baiseraele botlhe ka bopelotlhomogi jale fa ba tswa kwa Egepeto.” Ke fa Bakeni ba tloga, ba tswa mo gare ga Baamaleke.

7 Ya baa gona Saule a bolayang Baamaleke go tloga kwa Hawila go ya go fitlha kwa Sure yo o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Egepeto.

8 A tshwara Agage kgosi ya Baamaleke a sa ntse a phela; mme a nyeletsa morafe otlhe ka bogale jwa tšhaka jaaka khutso ya Modimo.

9 Mme Saule le batho ba rekegela Agage le dinku le dikgomo tse dintle le tse di latelang tseo ka bontle le dikwana le tsotlhe tse di kgatlhisang, ba se ka ba rata go di bolaya jaaka Modimo o laetse, mme ba bolaya fela diruiwa tsotlhe tse di nyatsegang tse di bopamang.


Saule o senyegelwa ke bogosi ka ntlha ya go sa utlweng

10 Ke fa lefoko la Morena le tla kwa go Samuele le re:

11 “Ke utlwa botlhoko, fa ke dirile Saule kgosi, gonne o ikepile mo go nna, a se ka a dirafatsa mafoko a me.” Ke fa Samuele a tuka bogale, a goela Moreneng bosigo jotlhe.

12 Ya re mo mosong Samuele a phakela go kgatlhantsha Saule; mme ga begelwa Samuele ga twe: “Saule o tsenye kwa motseng wa Karemele, a itlhomela segopotso sa phenyo teng, a ba a thelela, a fetela pele, a fologela kwa Gilegala.”

13 Jaanong ya re Samuele a fitlha kwa go Saule, Saule a mo raya a re: “A Morena a go tshegofatse! Ke dirafaditse lefoko la Morena.”

14 Mme Samuele a botsa a re: “Dinku tse ke di utlwang di lela le dikgomo tse ke di utlwang di bokolela ke tsa eng?”

15 Saule a araba a re: “Ba di tsere kwa go Baamaleke, gonne banna ba rekegetse dinku le dikgomo tse dintle gore ba tle ba di tlhabela Morena, Modimo wa gago. Mme tse dingwe re di nyeleditse jaaka Modimo o laetse.”

16 Ke fa Samuele a raya Saule a re: “Iketle, ke go bolele se Morena o letseng a se bua le nna bosigong jono.” A mo araba a re: “Bua.”

17 Samuele a re: “A ga ke re, o tlhogo ya ditso tsa Iseraele le fa o ikaya yo mmotlana. Kana Morena o go tloditse gore o nne kgosi ya Iseraele.

18 Le gona Morena o go romile a re: ‘Ya o dirafatse khutso ya Modimo mo baleofing bale mo go Baamaleke, o tlhabana nabo go tsamaya o ba fedise.’

19 Jaanong ke ka ntlha ya eng fa o sa utlwa lentswe la Morena, mme wa phomegela mo thopong, wa dira tse di bosula mo matlhong a Morena?”

20 Ke fa Saule a fetola Samuele a re: “Kana ke utlwile lentswe la Morena, ka tsena tseleng e Morena o nthomileng mo go yona, ka tlisa Agage kgosi ya Baamaleke, mme Baamaleke bone ka ba bolaela ruri ka khutso ya Modimo.

21 Fela banna ba tsere dinku le dikgomo tsa thopo, e bong tse dintle tsa tse di hutsitsweng ke Modimo go di tlhabela Morena Modimo wa gago mono Gilegala.”

22 Mme Samuele a re: “A ditlhabelo tsa phiso le tse di jewang di kgatlha Morena jaaka go utlwa lentswe la Morena? Nnyaya go utlwa go gaisa setlhabelo; go reetsa go phala mafura a diphelehu!

23 Gonne go sa utlweng ke boleo jwa boloi; go ganetsa ke go ikepela medimong e sele. E re ka o latlhile Lefoko la Morena le ene o go latlhile gore o se tlhole o nna kgosi.”

24 Ke fa Saule a raya Samuele a re: “Ke leofile, gonne ke tlodile taolo ya Morena le mafoko a gago; ka gonne ke boifile batho, ka utlwa mantswe a bone.

25 Mme jaanong a ko o itshwarele boleo jwa me, o boe le nna gore ke obamele Morena.”

26 Mme Samuele a fetola Saule a re: “Ga nkitla ke boa nao. E re ka o nyaditse Lefoko la Morena le Morena o go latlhile gore o se tlhole o nna kgosi ya Iseraele.”

27 Ya re Samuele a retologa a re o a tsamaya Saule a tshwara moja wa kobo ya gagwe, mme ya gagoga.

28 Ke fa Samuele a mo raya a re: “Morena o gagotse bogosi jwa Iseraele mo go wena kajeno, a bo neela yo mongwe yo o siameng bogolo go wena.

29 Le gona ene yo e leng tumiso ya Iseraele ga a ake, le e seng go ikwatlhaya; gonne ene ga se motho mo a ka ikwatlhayang.”

30 Jaanong Saule a re: “Ke leofile, mme a ko o ntlotle jaanong fa pele ga bagolo ba morafe wa me le fa pele ga Baiseraele, o boe le nna gore ke obamele Morena, Modimo wa gago.”

31 Ke fa Samuele a boa a sala Saule morago, mme Saule a obamela Morena.

32 Ya baa gona Samuele a reng: “Tlisang Agage kgosi ya Baamaleke kwano go nna.” Agage a ya kwa go ene a thabile. Agage a re: “Ruri, bogalaka jwa loso bo tlogile.”

33 Mme Samuele a re: “Mmaago o tla amogwa ngwana mo basading jaaka tšhaka ya gago e amogile basadi bana.” Jaanong Samuele a remaganya Agage fa pele ga Morena kwa Gilegala.

34 Jaanong Samuele a ya kwa Rama; Saule ene a tlhatlogela kwa lapeng la gagwe, kwa Gibea-wa-ga-Saule.

35 Samuele a se ka a tlhola a bona Saule go ya letsatsing la loso lwa gagwe ka Samuele a hutsafalela Saule. Morena a utlwa botlhoko fa a dirile Saule kgosi ya Iseraele.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan