1 Petero 3 - Setswana 1970Ditshwanelo tsa basadi le banna 1 Le lona basadi, utlwang banna ba lona gore le fa banna bangwe ba sa dumele Lefoko ba fenngwe ke tsamao ya basadi kwa ntle ga Lefoko, 2 fa ba bona tsamao e e phepa ya lona ya poifo-Modimo. 3 Mokgabo wa lona e se ka ya nna wa ka fa ntle wa go loga meriri le go ikgabisa ka gouta le go apara diaparo tsa maphatsiphatsi, 4 mme a e nne motho yo o fitlhegileng wa pelo yo o apereng mokgabo o o sa nyeleleng wa mowa o o bonolo, o o iketlileng; ke ona o o kgatlhang Modimo. 5 Gonne bogologolo basadi ba ba boitshepo ba ba neng ba solofela mo Modimong le bone ba ne ba ikgabisa jalo ka go ikokobeletsa banna ba bone, 6 jaaka Sara a ne a utlwa Aborahame, a mmitsa morena yo lo leng bana ba gagwe, fa lo dira molemo, mme lo sa boife sepe se se tshosang. 7 Le lona banna, agang le bone ka tlhaloganyo, ka mosadi a bopegile bokoa, mme lo ba nee tlotlo, ka e bile e le ba ba ruang bopelotlhomogi jwa botshelo mmogo le lona, gore merapelo ya lona e se ka ya kgoreletsega. Lorato lwa bakaulengwe. Boitshoko. Dipogiso 8 Ke akaretsa ke re: Nnang pelonngwe fela lotlhe lo nne pelotlhomogi, lo ratane jaaka bana ba motho, lo nne kutlwelo-botlhoko le boikokobetso. 9 Lo se ka lwa lefa bosula ka bosula gongwe komano ka komano, mme bogolo tshegofatsang, ka lo bileditswe gona moo gore lo rue lesego. 10 Gonne “Yo o ratang go itumelela bophelo le go bona malatsi a a molemo, a a thibele loleme lwa gagwe mo bosuleng, le molomo wa gagwe gore o se ka wa bua tsietso. 11 A a fapoge bosula, a dire molemo, a a batle kagiso, a e latelele; 12 gonne matlho a Morena a lebile basiami, ditsebe tsa gagwe di reeditse merapelo ya bone. Mme sefatlhego sa Morena se emelanye le ba ba dirang bosula.” 13 Ke mang yo o ka lo utlwisang botlhoko, fa lo tlhoafaletse molemo? 14 Mme le fa lo ka boga ka ntlha ya tshiamo, lo sego. Lo se ka lwa ba boifa ka gope le e seng go tshoga. 15 Mme lo itshepise Morena Keresete mo dipelong tsa lona, lo ntse lo iketleeditse go araba mongwe le mongwe yo o batlang boikarabelo mo go lona ka ga tsholofelo e lo nang nayo, mme e nne ka bonolo le ka poifo. 16 Lo nne le segakolodi se se siameng gore bone ba ba kgalang tsamao e e molemo ya lona mo go Keresete ba tlhajwe ke ditlhong ka dilo tse ba lo senyang leina ka tsona. 17 Gonne fa Modimo o rata gore lo boge, gona go boga ka ntlha ya go dira sentle go gaisa go boga ka ntlha ya go dira bosula. 18 Gonne Keresete le ene o kile a bogela maleo a rona gangwe fela, ene mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore a re ise kwa Modimong; a bolawa ka fa nameng, mme a tshedisiwa ka fa moweng, 19 o e leng ona o bileng a ya ka ona, a rerela mewa e e mo kgolegelong, 20 e e kileng ya gana go utlwa, jale fa Modimo o ntse o iketlile ka bopelotelele mo malatsing a ga Noa, go sa ntse go baakanngwa areka e batho ba se kae, e bong ba ba robedi fela, ba bolokilweng ka yona mo metsing. 21 Ke ona a le lona a lo pholosang kajeno kolobetsong, e le setshwantsho sa yona, e se go tlosa leswe la mmele, mme e le go kopa segakolodi se se siameng mo Modimong ka tsogo ya ga Jesu Keresete 22 yo o tsenyeng mo legodimong, a nna fa letsogong le le jang la Modimo, baengele le mebuso le ba ba thata ba sena go bewa mo taolong ya gagwe. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa