Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Litihalo 14 - Setswana 1970


Ditiro tsa ga Dafita kwa Jerusalema

1 Jaanong Hirame kgosi ya Tiro a roma barongwi kwa go Dafita, a ba a romela le dikgong tsa mesetere le babopedi ba dipota le babetli ba dikgong gore ba mo agele ntlo.

2 Dafita o na a lemoga jalo, fa Morena a mo tlhomamisitse go nna kgosi ya Iseraele, a bile a tlotlomatsa bogosi jwa gagwe ka ntlha ya morafe wa gagwe wa Iseraele.

3 Dafita a tswelela go tsaya basadi ba bangwe gape a le mo Jerusalema; a ba a tsala bomorwa le bomorwadi gape.

4 Maina a bona ba o ba belegetsweng kwa Jerusalema ke a: Samua le Sobabe le Nathane le Salomo

5 le Ibegare le Elisua le Elephelete

6 le Noga le Nefege le Jafia

7 le Elisama le Beleyata le Elifelete.


Bafelesita ba a fenngwa
( 2 Sam. 5:17-25 )

8 E rile Bafelesita ba utlwa go twe, Dafita o tloditswe go nna kgosi ya Baiseraele botlhe, ba bolola botlhe go mmatla; ya re a utlwa jalo, a bolola go ba kgatlhantsha.

9 Bafelesita ba tla ba anama mo lebaleng la Refaime.

10 Ke fa Dafita a botsa Modimo a re: “A ke bololele Bafelesita? A o tla ba neela mo diatleng tsa me?” Morena a mo raya a re: “Bolola, ke tla ba neela mo diatleng tsa gago.”

11 Jaanong ya re Bafelesita ba bolola kwa Baale-Pherasime, Dafita a ba fenya teng; a ba a re: “Modimo o gogotse baba ba me ka letsogo la me jaaka go gogola metsi.” Ke ka moo felo foo go teilweng leina la Baale-Pherasime.

12 Ba tlogela medimo ya bone teng, mme Dafita a laela gore e fisiwe ka molelo.

13 Mme Bafelesita ba boelela ba anama mo lebaleng.

14 Ya re Dafita a botsa Modimo gape, wa mo raya wa re: “O se ka wa bolola go ba latelela; ba pote ka fa, o ba tlhasele ntlheng ya ditlhatshana tsa boroku.

15 Mme e re ò utlwa mosumo wa dikgato mo godimo ga ditlhatshana tsa boroku foo o bolole go ya go tlhabana; gonne Modimo o tla bo o bolotse o go eteletse pele go fenya mephato ya Bafelesita.”

16 Dafita a dira ka fa Modimo o mo laetseng ka teng. Ba fenya mephato ya Bafelesita go tloga kwa Gibeone go fitlha kwa Gesere.

17 Tumo ya ga Dafita ya utlwala kwa mafatsheng otlhe. Morena a dira gore ditšhaba tsotlhe di mmoife.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan