Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Litihalo 13 - Setswana 1970


Dafita o tsaya Letlole la Kgolagano kwa Khiriathe-Jearime
( 2 Sam. 6:1-11 )

1 Jaanong Dafita a gakololana le balaodi ba dikete le ba makgolo le baetapele botlhe.

2 Dafita a ba a raya phuthego yotlhe ya Baiseraele a re: “Fa go lo siametse le Morena, Modimo wa rona, o rata jalo, a re romeng go bitsa ba ga rona ba ba setseng mo dinageng tsotlhe tsa Iseraele le baperesiti le Balefi nabo kwa metseng ya mafulo a bone gore ba phuthegele go rona

3 re be re ye go tsaya Letlole la Modimo wa rona, le tle kwano go rona; gonne ga re a ka ra le ela tlhoko ka malatsi a ga Saule.”

4 Phuthego yotlhe ya re: “A go dirwe jalo!” Gonne tiro eo e ne e siame mo matlhong a morafe otlhe.

5 Ke fa Dafita a kgobokanya Baiseraele botlhe go tloga nokeng ya Sigore ya Egepeto go ya go fitlha kwa Hamathe gore ba tsee Letlole la Modimo kwa Khiriathe-Jearime.

6 Dafita a ba a bolola a na le Baiseraele botlhe, ba ya kwa Baala, ke kwa Khiriathe-Jearime yo e leng wa Juta, go tsaya teng Letlole la Modimo le le biditsweng ka leina la Morena yo o ntseng kwa godimo ga boKerubime.

7 Mme ba pega Letlole la Modimo mo koloing e ntšhwa, ba e tlosa kwa ntlong ya ga Abinatabe, mme Usa le Ayo ba kgweetsa koloi.

8 Mme Dafita le Baiseraele botlhe ba bina fa pele ga Modimo ka thata yotlhe, e le ka difela le ka dikwadi le ka diharepa le ka meropana le ka matlhao-a-mabogo le ka diphala.

9 Jaanong ya re ba fitlha kwa seboaneng sa ga Khitone, Usa a ntsha letsogo, a tshwara Letlole, a bona dipholo di batla go le diga.

10 Ke fa bogale jwa Morena bo tukela Usa, mme a mo itaya, ka a beile letsogo mo Letloleng, mo a bileng a swela teng fa pele ga Modimo.

11 Mme Dafita a tlalelwa, ka Morena a gagotse Usa; felo foo ga bidiwa Pherese-Usa go fitlha letsatsing leno.

12 Dafita a ba a boifa Modimo ka letsatsi leo a re: “Nka tlisa jang Letlole la Modimo kwa go nna?”

13 Ke ka moo Dafita a se kang a isa Letlole kwa ga gagwe kwa motseng wa ga Dafita, mme a le faposetsa kwa ntlong ya ga Obete-Etomo wa kwa Gathe-Rimone.

14 Mme Letlole la Modimo la nna dikgwedi tse tharo mo lapeng la ga Obete-Etomo mo ntlong ya gagwe. Mme Morena a tshegofatsa lelapa la ga Obete-Etomo le tsotlhe tse o neng a na natso.

© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan