1 Litihalo 10 - Setswana 1970Loso lwa ga Saule ( 1 Sam. 31:1-13 ) 1 Bafelesita ba kile ba tlhabana le Baiseraele, mme banna ba Iseraele ba tshaba ba lelekwa ke Bafelesita, ba bolawa ba wela mo dithabeng tsa Gileboa. 2 Mme Bafelesita ba khutšhela Saule le bomorwawe, ba bolaya Jonathane le Abinatabe le Malekhišua bomorwa Saule. 3 Jaanong ya re tlhabano e ketefalela Saule, mme ba ba hulang ka mara ba mmona, a tlalelwa thata ka ntlha ya bahudi. 4 Ke fa Saule a raya morwala-dibolai wa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago, o mphololetse ka yona, e se re gongwe ga tla ba ba sa rupang bale ba ntirela ka tshotlo.” Mme morwala-dibolai wa gagwe a gana, ka a boifa thata. Ke fa Saule a tsaya tšhaka a itigela mo go yona. 5 Ya re morwala-dibolai wa gagwe a bona Saule a sule le ene a itigela mo tšhakeng ya gagwe, a swa. 6 Saule a swa jalo le bomorwawe ba bararo le botlhe ba lapa la gagwe, ba swa mmogo. 7 Ya re banna botlhe ba Iseraele ba kwa lebaleng ba bona Baiseraele ba tshabile le Saule le bomorwawe ba sule, ba tlogela metse ya bone, ba tshaba; ga tla Bafelesita ba nna mo go yona. 8 Ya re kamoso Bafelesita ba tla go thukhutha ba ba bolailweng dilo, ba fitlhela Saule le bomorwawe ba namaletse mo dithabeng tsa Gileboa; 9 ba mo thukhutha, ba tsaya tlhogo ya gagwe le dibolai tsa gagwe, ba di romela kwa lefatsheng la Bafelesita ntlheng tsotlhe, e le go bolelela medimo ya bone le morafe mafoko a phenyo. 10 Ba baya dibolai tsa gagwe mo ntlong ya ga Dagone modimo wa bone, logata lwa gagwe le lone ba lo kokotela mo go yona. 11 E rile baagi botlhe ba Jabese kwa Gileate ba utlwela tsotlhe tse Bafelesita ba di diretseng Saule, 12 ga nanoga banna botlhe ba ba pelokgale, ba tsaya serepa sa ga Saule le tsa bomorwawe, ba di isa kwa Jabese, ba fitlha marapo a bone fa tlase ga mooka kwa Jabese, ba itima dijo malatsi a supa. 13 Saule a swela jalo mo boikanyologong jwa gagwe jo o neng a leofetse Morena ka jona ka ntlha ya lefoko la Morena le a se kang a le tshegetsa; le gona ka ntlha ya go botsa mowa wa moswi go batla kgakololo. 14 Mme a se ka a batla kgakololo mo Moreneng. Ka moo Morena a mo gogela losong, mme a sokololela bogosi kwa go Dafita morwa Isai. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa