1 Bakorinta 7 - Setswana 1970Karabo ya dipotso tsa Bakorinthe ka ga nyalo 1 Jaanong fa e le tse lo di nkwaletseng, ka re: Go molemo mo monneng, fa a sa ame mosadi. 2 Mme ka go tshaba boaka a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe. 3 A monna a nee mosadi se e leng tshwanelo, le ene mosadi a dire jalo mo monneng. 4 Mosadi ga a laole mmele wa gagwe, o laolwa ke monna; jalo le monna ga a laole mmele wa gagwe, o laolwa ke mosadi. 5 Lo se ikgogonelane, fa e se ka tumelano ka sebakanyana, gore lo nne le nako ya go rapela; lo be lo kopane gape gore Satane a se lo raele, ka lo palelwa ke go itshwara. 6 Mme ke bua jalo ka tetlelelo, e seng ka taolo. 7 Gonne ke eletsa gore e kete batho botlhe ba ka bo ba ntse jaaka nna. Fela mongwe le mongwe o na le neo ya gagwe e e tswang mo Modimong, yo mongwe jaana, yo mongwe ka go sele. 8 Mme ba ba iseng ba nyale gongwe go nyalwa, le bone batlholagadi, ke ba raya ke re: Go molemo go bone, fa ba ka nna jaaka nna. 9 Le gale fa ba palelwa ke go itshwara, a ba nyale gongwe ba nyalwe; gonne go nyala gongwe go nyalwa go molemo bogolo go go gotela. 10 Mme ba ba nyalanyeng bone ba laelwa ke Morena, e seng nna, gore mosadi a se ka a tlhala monna, 11 – mme fa a mo tlhadile, a a nne fela a sa nyalwa gape; go seng jalo, a a ithuanye le monna wa gagwe – le ene monna a a se tlhale mosadi. 12 Ba bangwe nna ke a ba raya, e seng Morena, ka re: Fa modumedi mongwe a na le mosadi yo o sa dumeleng, mme mosadi a dumetse go nna nae, a monna a se mo tlhale. 13 Le mosadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng, mme monna a dumetse go nna nae, a mosadi a se mo tlhale. 14 Gonne monna yo o sa dumeleng o itshepisitswe ka mosadi, le mosadi yo o sa dumeleng o itshepisitswe ka monna. Fa go ka bo go sa nna jalo, bana ba lona ba ka bo ba sa itsheka; mme jaanong ba itshepile. 15 Mme yo o sa dumeleng, fa a tlhala, a a tlhale. Fa go ntse jalo, modumedi wa monna gongwe wa mosadi ga a bofega; Modimo o re bileditse kagisong. 16 Gonne, wena mosadi, o itse jang gore o ka pholosa monna? Gongwe wena monna, o itse jang gore o ka pholosa mosadi? 17 Fela a mongwe le mongwe a tsamae ka fa Morena a mo abetseng ka teng, le ka fa Modimo o mmiditseng ka teng. Ke laya jalo mo diphuthegong tsotlhe. 18 Yo o biditsweng a rupile a a se eletse go sa rupeng; yo o biditsweng a sa rupa a a se rupe. 19 Thupiso ga se sepe, le go sa rupang ga se sepe; se segolo ke go tlhokomela ditaolo tsa Modimo. 20 A mongwe le mongwe a sale mo maemong a o biditsweng a le mo go ona. 21 Fa o biditswe o le motlhanka, se ngongorege; mme fa o ka gologa, o go dirise bogolo. 22 Gonne yo o biditsweng ke Morena e le motlhanka, ke mogololesegi wa Morena; le gona jalo ene yo o biditsweng a gololesegile, ke motlhanka wa ga Keresete. 23 Lo rekilwe ka tlhwatlhwa e kgolo; se nneng batlhanka ba batho. 24 Ba ga etsho, a mongwe le mongwe a sale fa pele ga Modimo mo maemong a o biditsweng a le mo go ona. 25 Ntlheng ya makgarebe gona ga ke na taolo ya Morena, mme ke bolela maikutlo a me, nna yo ke bonyeng kutlwelo-botlhoko ya Morena gore ke nne yo o ikanyegang. 26 Jaanong ke bona gore go molemo ka ntlha ya tlalelo ya sebaka seno, go molemo mo mothong go nna ka fa a ntseng ka teng. 27 Fa o kopantswe le mosadi, se batle tlhalo; fa o sa kopanngwa le mosadi, se batle mosadi. 28 Mme le fa o ka nyala, o tla bo o sa leofe. Le gale, ba ba ntseng jalo ba tla bona makete mo nameng; mme nna ke ne ke rata go lo rekegela. 29 Ba ga etsho, se ke se bolelang ke se: Nako e khutshwane; mme e bile ka re: Le bone ba ba nang le basadi, a ba nne jaaka e kete ga ba na nabo. 30 Le ba ba lelang, a ba nne jaaka e kete ga ba lele; le ba ba itumelang, a ba nne jaaka e kete ga ba itumele; le ba ba rekang, a ba nne jaaka e kete ga ba na sepe; 31 le ba ba dirisang tsa lefatshe leno, a ba nne jaaka e kete ga ba di dirise; gonne popego ya lefatshe leno e a feta. 32 Mme ke rata gore lo nne lo se na tshwenyego. Yo o sa nyalang o tlhokomela tsa Morena ka fa a ka kgatlhang Morena ka teng. 33 Yo o nyetseng ene o tlhokomela tsa lefatshe ka fa a ka kgatlhang mosadi ka teng. 34 Mosadi ga a tshwane le lekgarebe; yo o sa nyalwang o tlhokomela tsa Morena, gore a nne boitshepo ka fa mmeleng le ka fa moweng; mme yo o nyetsweng ene o tlhokomela tsa lefatshe ka fa a ka kgatlhang monna ka teng. 35 Ke bua jalo gore go nne molemo go lona ka losi, e seng gore ke lo tshware ka segole, mme e le gore lo nne mo Moreneng ka maitsholo a mantle le ka tlhomamo, go se na kgoreletsego. 36 Fa monna mongwe akanya gore ga a itshware sentle mo kgarebaneng e a e beeleditseng, mme a palelwa ke go itshokela lobaka la peeletso, a dire se a se batlang, a a mo nyale, ga a leofe. 37 Mme monna yo o tlhomameng mo pelong ya gagwe, a sa pitlaganngwe ke sepe, mme a na le boitaolo ka ga go rata ga gagwe, mme fa a tlhomamisitse mo pelong ya gagwe, gore o tla ikganelela kgarebane ya gagwe e a e beeleditseng, o tla bo a dira sentle. 38 Mme ka jalo, monna yo o nyalang kgarebane ya gagwe e a e beeleditseng, o dira sentle; mme yo o sa e nyaleng pele ga lobaka la peeletso le wela, o dira sentle go gaisa. 39 Mosadi o golegilwe ka molao, fa monna wa gagwe a sa ntse a tshela; mme fa monna wa gagwe a sule, o tla bo a letleletswe go nyalwa ke yo mosadi a mo ratang, fela e nne mo Moreneng. 40 Mme ka fa maikutlong a me o sego bogolo, fa a ka nna fela jaaka a ntse, mme ke gopola gore le nna ke na le Mowa wa Modimo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa