1 Bakorinta 3 - Setswana 1970Mowa wa lefatshe ke modi wa dikgaogano 1 Mme nna, bana ba ga Rra, ke ne ke sa ka ke ka bua le lona jaaka ba e leng ba mowa, mme e le jaaka ba e leng ba nama, jaaka masea mo go Keresete. 2 Ke lo otlile ka mašwi, e seng ka dijo tse di tiileng; gonne lo ne lo ise lo di nonofele. Tota le jaanong ga lo ise lo di nonofele. 3 Ka gonne lo sa ntse lo le ba nama. E re ka lefufa le dikgang le dikgaogano di le mo go lona, a ga lo ba nama, a ga lo tsamae ka fa boitaolong jwa motho? 4 Kana jaaka mongwe a re: “Ke wa ga Paulo;” yo mongwe a re: “Ke wa ga Apolo,” a ga lo batho fela? 5 Kana Paulo ke eng? Le Apolo ke eng? Ke badiredi fela ba lo dumetseng ka bone, mme e le ka fa Morena abetseng mongwe le mongwe ka teng. 6 Nna ke tlhomile, Apolo o nositse, mme Modimo o tlhogisitse. 7 Jaanong he, yo o tlhomang ga a sepe le yo o nosang ga a sepe; mme yo o leng sengwe ke Modimo fela o o tlhogisang. 8 Yo o tlhomang le yo o nosang ba a lekana; mme mongwe le mongwe o tla amogela tuelo ya gagwe ka fa matsapeng a gagwe. Modumedi ke kago ya Modimo, Keresete ke motheo wa kago 9 Kana rona re badira-mmogo ba Modimo, lona lo temo ya Modimo, lo kago ya Modimo. 10 Nna ke thaile mothao jaaka moagi yo o botlhale ka fa bopelotlhomoging jwa Modimo jo ke bo neilweng; yo mongwe o tla aga mo go ona. Mme a mongwe le mongwe a ele tlhoko ka fa a agang mo go ona ka teng. 11 Gonne ga go ope yo o ka thayang mothao o sele, fa e se ona fela o o thailweng, e bong Jesu Keresete. 12 Mme fa mongwe a ka aga mo mothaong oo ka gouta gongwe ka selefera le fa e le ka majwe a mantle gongwe ka dikgong kampo ka bojang kampo ka dirite, 13 tiro ya mongwe le mongwe e tla bonatsega; gonne letsatsi la katlholo le tla e bonatsa, ka e tla senolwa ka molelo, mme molelo o tla leka tiro ya mongwe le mongwe gore e ntse jang. 14 Fa tiro ya motho e sa šwe e o e agileng mo go ona, o tla amogela tuelo. 15 Mme fa tiro ya motho e ka šwa, o tla senyegelwa, mme ene ka esi o tla phologa, mme e le fela jaaka yo o falotseng mo molelong. 16 A ga lo itse gore lo Tempele ya Modimo, le gore Mowa wa Modimo o agile mo teng ga lona? 17 Fa mongwe a senya Tempele ya Modimo, Modimo o tla mo senya; gonne Tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yona. 18 A go se nne ope yo o itsietsang! Fa mongwe mo go lona a itshema yo o botlhale mo lefatsheng leno, a a nne bosilo gore a tle a tlhalefe; 19 gonne botlhale jwa lefatshe leno ke bosilo fa pele ga Modimo; gonne go kwadilwe ga twe: “Batlhalefi o ba tshwara mo boferefereng jwa bone.” 20 Gape go a twe: “Morena o itse maikaelelo a matlhale gore ke boithamako.” 21 Ka moo a go se nne ope yo o ipokang ka batho; gonne tsotlhe ke tsa lona; 22 le fa e le Paulo gongwe Apolo gongwe Kefa gongwe lefatshe gongwe bophelo gongwe loso gongwe tsa kajeno gongwe tse di tlang, tsotlhe ke tsa lona; 23 mme lona lo ba ga Keresete, Keresete ene ke wa Modimo. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa