1 Bakorinta 2 - Setswana 1970Mokgwa wa thero ya ga Paulo 1 Bakaulengwe, le nna e rile ke tla koo go lona, ka feta ka lo bolelela tshupo ya Modimo, e seng ka mafoko a a gaisang le e seng ka botlhale jo bogolo. 2 Gonne ke ne ke sa ikaelela go lo itsise sepe fa e se Jesu Keresete fela, ene yo o bapotsweng. 3 Le gona ke ne ke le mo go lona ka bokoa le poifo le thoromo e kgolo. 4 Gape, thuto ya me le thero ya me ga di a ka tsa dirafala ka mafoko a a kgonang ka botlhale, mme e ne e le ka tshupo ya Mowa le ya thata, 5 gore tumelo ya lona e se ka ya ema ka botlhale jwa batho, mme e eme ka thata ya Modimo. 6 Le gale botlhale re a tle re bo bue mo go ba ba botlalo; mme ga se botlhale jwa lefatshe leno le e seng jwa balaodi ba lefatshe leno ba ba nyelelang. 7 Mme re bua botlhale jwa Modimo jo e leng bosaitsiweng, jo bo fitlhegileng, jo Modimo o sa leng o bo rulaganya pele, dipaka di ise di nne teng go re isa kgalalelong, 8 jo bo neng bo sa itsiwe ke ope wa balaodi ba lefatshe leno; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo. 9 Mme go ntse jaaka go kwadilwe ga twe: “Tse leitlho le sa di bonang, tse tsebe e sa di utlwang, tse di sa tsenang mo pelong ya motho, ke tsona tse Modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang.” 10 Mme Modimo o di re senoletse ka Mowa wa ona; gonne Mowa o tlhotlhomisa dilo tsotlhe, le tse di boteng tsa Modimo. 11 Kana ke mang mo bathong yo o itseng tse di mo mothong, fa e se mowa wa motho o o mo go ene? Le gona jalo ga go ope yo o itseng tse di mo Modimong fa e se Mowa wa Modimo. 12 Mme rona ga re a tshola mowa wa lefatshe, re na le Mowa o o tswang mo Modimong gore re tle re itse dilo tse re di abetsweng ke Modimo; 13 tse e bileng re di bolela, e seng ka mafoko a a rutwang ka botlhale jwa botho, mme e le ka a a rutwang ke Mowa o o Boitshepo ka go tlhalosetsa ba Mowa tsa Mowa. 14 Mme motho wa nama ga a tshole dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne di bosilo mo go ene, ga a kgone go di tlhaloganya; gonne di ka atlholwa ka Mowa fela. 15 Wa mowa o atlhola tsotlhe, mme ene ka esi ga a atlholwe ke ope. 16 “Ke mang yo o itsileng boitlhômô jwa Morena go ka mo ruta?” Mme rona re na le boitlhômô jwa ga Keresete. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa