1 Bakorinta 16 - Setswana 1970Dikatso tse di direlwang baitshepi 1 Fa e le dikatso tse di ntshediwang baitshepi, le lona lo dire jaaka ke laetse diphuthego tsa kwa Galatia. 2 A ka gale ka letsatsi la ntlha la tshipi mongwe le mongwe wa lona a beele sengwe fa thoko, a kgobokanye ka fa a tlhogonolofaditsweng ka teng, e se ka ya re gongwe fa ke tla, ka fitlhela e le gona go phuthwang. 3 Mme e tla re fa ke sena go goroga, bone ba lo ba tlhaotseng ke ba rome ka dikwalo go isa dikatso tsa lona kwa Jerusalema. 4 Mme fa di lekanye go isiwa ke nna, ba tla tsamaya le nna. Maikaelelo a ga Paulo a go eta, le ditumediso 5 Ke tla tla koo go lona ke raletse Maketonia; gonne Maketonia ke tla mo ralala fela, 6 mme mo go lona motlhamongwe ke tla diega, gongwe ke be ke feletse mariga teng, gore lo tle lo mphelegeletse kwa ke tla yang teng. 7 Gonne ga ke rate go lo bona jaanong ka go feta fela; mme ke solofela gore ke tla tlhola le lona sebakanyana, fa Morena a ka letlelela jalo. 8 Kwa Efeso gona ke tla nna teng go fitlha Pentekoste; 9 gonne ke buletswe mojako o mogolo teng wa tiro e e nang le lesego, e bile baganetsi ba le bantsi ba teng. 10 E re fa Timotheo a goroga, lo dire gore a nne mo go lona a se na poifo; gonne o dira tiro ya Morena fela jaaka nna. 11 Jaanong a go se nne ope yo o mo nyatsang, mme mmulediseng ka kagiso gore a tle go nna; gonne nna le bakaulengwe re mo lebeletse. 12 Fa e le Apolo, mokaulengwe, ene ke mo rapetse thata gore a ye koo go lona mmogo le bakaulengwe. Mme o ne a sa rate ka gope go ya koo jaanong; o tla tla ka sebaka se se mo lebanyeng. 13 Itiseng lo tlhomame mo tumelong, itsholeng senna lo tie! 14 A tsotlhe tsa lona di dirwe ka lorato! 15 Bakaulengwe, ke a lo rapela – Lo itse ba ntlo ya ga Setefane gore ke bone badumedi ba ntlha ba Agaya, mme ba ineetse mo tirelong ya go direla baitshepi – 16 ka re: Le lona lo ikokobeletse ba ba ntseng jalo le mongwe le mongwe yo o itapisang ka go dira le rona. 17 Ke itumeletse go tla ga Setefane le Fortunato le Agaiko; gonne ba emetse lona ba lo seng teng. 18 Gonne ba lapolositse mowa wa me le mewa ya lona. Tlotlang ba ba ntseng jalo! 19 Diphuthego tsa Asia di a lo dumedisa. Akwila le Perisila ba lo dumedisa thata mo Moreneng, le phuthego e e mo ntlong ya bone. 20 Bakaulengwe botlhe ba a lo dumedisa. Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo. 21 Nna Paulo ke lo kwalela tumediso ka letsogo la ka. 22 Fa mongwe a sa rate Morena, a a hutsege! Marana tha! 23 A bopelotlhomogi jwa ga Jesu Keresete Morena bo nne le lona! 24 Lorato lwa me lo mo go lona lotlhe ka Keresete Jesu. Amen. |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. Used by permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa