Yone 2 - BAEBELE e e BoitshepoThapelo ya ga Jona 1 Foo Jona a rapela Jehofa Modimo wa gagwe, a le mo mpeng ya leruarua. 2 A re: “Ka ntlha ya pitlagano ya me ka biletsa kwa go Jehofa, mme a nkaraba, ka goa ke le mo mpeng ya Bobipo, mme wa utlwa lentswe la me. 3 Gonne o ne wa ntatlhela mo botenyeng, mo pelong ya mawatle, mme morwalela o ne o ntsentse gare; dintelo tsotlhe tsa gago, le makhubu a gago a metsi a ne a ntlolela godimo. 4 Mme ka re: ‘Ke latlhegetse koo kwa ntle fa pele ga matlho a gago; le fa go ntse jalo ke tlaa ba ke leba kwa tempeleng ya gago e e boitshepo.’ 5 Metsi a ne a mpharafere, go ya go fitlha le kwa moweng; boteng bo ne bo le tikologong ya me; malele a ne a ntharile tlhogo. 6 Ka fologela kwa metheong ya dithaba; lefatshe ka mephakalego ya lone la ntswalegela ka bosakhutleng; le fa go ntse jalo o ntshitse botshelo jwa me mo moleteng, wena Jehofa Modimo wa me. 7 E rile mowa wa me o idibala mo teng ga me, ka gakologelwa Jehofa; morapelo wa me wa ya go tsena kwa go wena, mo tempeleng ya gago e e boitshepo. 8 Ba ba tlhokomelang maithamako a maaka ba tlogela boutlwelobotlhoko jwa bone ka bosi. 9 Mme nna ke tlaa go isetsa setlhabelo ka lentswe la tebogo; ke tlaa lefa se ke se ikanneng. Poloka ke ya ga Jehofa.” 10 Mme Jehofa a bua le leruarua, mme la tlhatsetsa Jona mo lefatsheng la komelelo. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa