Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yoele 3 - BAEBELE e e Boitshepo


Modimo o tlaa atlhola ditšhaba

1 “Gonne, bonang, e tlaa re mo metlheng eo, le mo lobakeng loo, mogang ke busang botshwaro jwa Juta le Jerusalema,

2 ke tlaa phutha merafe yotlhe, ke tlaa e folosetsa mo molapong wa ga Jehošafate; ke tlaa ganetsanya nabo gone ka ga batho ba me, le ka ga boswa jwa me Baiseraele, ba ba ba faladitseng mo merafeng, mme ba kgaogana lefatshe la me.

3 Ba bile ba theletse batho ba me bola; ba ananya seaka ka mosimane, ba reka bojalwa jwa mofine ka ngwana wa mosetsana, gore ba nwe.

4 “Ee, lo a bo lo le eng mo go nna, lona Ture le Sitone, le mafatshe otlhe a Filisitia? A lo tlaa nnaya tuelo? Fa lo mme ntuela ke tlaa busetsa tuelo ya lona ka bofefo le ka bonako mo tlhogong ya lona.

5 E re ka lo tshotse selefera sa me le gouta ya me, mme lo isitse dilo tsa me tse dintle, tse di eletsegang, mo ditempeleng tsa lona;

6 le bana ba Juta, le ba Jerusalema lo ba rekisitse mo go bomorwa Bagerika, gore lo ba tlosetse kgakala le molelwane wa bone;

7 bonang, ke tlaa ba tsosa ba le kwa lo ba rekiseditseng gone, ke tlaa busetsa tuelo ya lona mo ditlhogong tsa lona:

8 Ke tlaa rekisa bana ba lona ba basimane le ba basetsana mo seatleng sa bana ba Juta, mme ba tla ba rekisa mo bathong ba Sheba, mo morafeng o o kwa kgakala; gonne Jehofa o buile.”

9 Bolelang selo se mo merafeng; lo baakanyeng ntwa, tsosang diganka, a batlhabani botlhe ba atamele, ba tlhatloge.

10 Thulang megoma ya lona ditšhaka, le dithipa tsa lona tsa mabele marumo; a yo o bokoa, a re: “Ke thata.”

11 Itlhaganeleng, tlang lona merafe yotlhe mo tikologong, phuthegang; Jehofa, folosetsa diganka tsa gago teng.

12 A merafe e itsose, e tle kwa molapong wa ga Jehošafate; gonne ke tlaa dula teng ke atlhola merafe yotlhe mo tikologong.

13 Tsenyang thipa ya mabele, gonne mabele a budule. Tlang, lo gate; gonne kgatisetso ya bojalwa jwa mofine e tletse; didibeletso di a penologa; gonne boikepo jwa bone bo bogolo.

14 A bontsintsi, bontsintsi jwa batho mo molapong wa katlholelo! Gonne motlha wa ga Jehofa o atametse mo molapong wa katlholelo.

15 Letsatsi le fifetse, le kgwedi, le dinaledi di gonyetse go phatsima ga tsone.


Modimo o tlaa segofatsa batho ba one

16 Mme Jehofa o tlaa kgaratla a le mo Sione, o tlaa ntsha lentswe a le mo Jerusalema, magodimo a tlaa tlakasela le lefatshe. Mme Jehofa o tlaa nna botshabelo jwa batho ba gagwe, le kago e e thata ya phemelo mo baneng ba Iseraele.

17 “Jalo lo tlaa itse fa ke le Jehofa Modimo wa lona; ke agile mo Sione, thaba ya me e e boitshepo. Foo Jerusalema o tlaa nna boitshepo, mme ga o ketla o tlhola o ralalwa ke baeng.

18 “Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re dithaba di tlaa rotha bojalwa jwa mofine jo bo monate, makhubu a tlaa elela maši, melatswana yotlhe ya Juta e tlaa elela metsi; le motswedi o tlaa tswa mo ntlong ya ga Jehofa, o nosa mokgatšha wa Shitime.

19 Egepeto o tlaa nna tshwafalo, le Etome o tlaa nna naga fela e e swafetseng, ka ntlha ya tshenyo e e diretsweng bana ba Juta, ka ba tsholotse madi a a se nang molato mo lefatsheng la bone.

20 Juta o tlaa nna ka bosakhutleng, le Jerusalema go ya mo tshikatshikeng.

21 Mme ke tlaa tlhapisa madi a bone a ke iseng ke a tlhapise;” gonne Jehofa o agile mo Sione.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan