Yoele 2 - BAEBELE e e BoitshepoTlhaselo ya tsie e le sesupo sa letsatsi la Morena la katlholo 1 Letsang lonaka mo Sione, lo openg mokgosi wa tshoso mo thabeng ya me e e boitshepo; a banni botlhe ba lefatshe ba rorome; gonne motlha wa ga Jehofa o etla, gonne o fa gaufi. 2 Motlha wa lefifi le letobo, motlha wa maru le lefifi le le kwenneng, jaaka bosa fa bo sela le dithaba; batho ba ba tšhaba e kgolo e e thata, ga go ise go ke go nne e e tshwanang nabo, le gone ga go ketla go tlhola go nna epe morago ga bone, go ya fela dinyageng tsa dikokomana di le dintsi. 3 Molelo o laila fa pele ga bone; fa morago ga bone kgabo e a tuka; lefatshe le ntse jaaka tshimo ya Etene fa pele ga bone, mme morago ga bone ke naga e e swafetseng fela. Ee, ga go na sepe se se falotseng mo go bone. 4 Ponalo ya bone e ntse jaaka ponalo ya dipitse; ba bile ba taboga jaaka bapalami ba dipitse. 5 Go tlola ga bone go ntse jaaka modumo wa dikara, mo godimo ga dithaba go ntse jaaka modumo wa kgabo ya molelo fa e ja dirite, jaaka batho ba ba thata fa ba abetswe go tlhabana. 6 Ditšhaba di mo tlalelong e e mahehe ka ntlha ya bone; difatlhogo tsotlhe di khwatile. 7 Ba taboga jaaka batho ba ba nonofileng; ba palama lorako jaaka batlhabani; ba tsamaela gongwe botlhe mo ditseleng tsa bone, ga ba fapaane mo thulaganong ya bone. 8 Le gone mongwe ga a kgorometse yo mongwe; ba tsamaela gongwe, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe, ba sotlhomele mo dibolaong fela ka thata, ga ba kgaogane mo go sepeleng ga bone. 9 Ba tlolele mo motseng; ba taboge mo godimo ga lorako; ba palamele mo matlong; ba tsene ka fa diponeng jaaka legodu. 10 Lefatshe le reketle fa pele ga bone; magodimo a rorome, letsatsi le fifale le kgwedi, le dinaledi di gonyetse phatsimo ya tsone. 11 Jehofa o ntsha lentswe la gagwe fa pele ga ntwa ya gagwe; gonne ntwa ya gagwe e e tlhaolelang e kgolo thata; gonne go thata yo o dirafatsang lefoko la gagwe. Gonne motlha wa ga Jehofa o mogolo, o boitshega thata; mme e mang yo o ka o itshokelang? Batho ba bilediwa mo boikwatlhaong 12 “Le gompieno,” go bua Jehofa, “retologelang mo go nna ka pelo yotlhe, le ka go ikitsa go ja, le ka go lela, le ka go hutsafala.” 13 Lo ikgagole dipelo, e seng diaparo, lo retologele mo go Jehofa Modimo wa lona, gonne o pelontle, o tletse bopelotlhomogi, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko, mme o tle a ikwatlhaele bosula. 14 Go itse mang bo ga a ketla a retologa a ikwatlhaya, mme a tlogela tshegofatso, e bong tshupelo ya boupe, le tshupelo e e nowang ya ga Jehofa Modimo wa lona? 15 Letsang lonaka mo Sione lo itshepise go ikitsa go ja, kuang phuthego e e masisi; 16 phuthang batho, itshepiseng phuthego, phuthang banna bagolo, phuthang banyana, le ba ba anyang mabele. A monyadi a tswe mo ntlwaneng ya gagwe, le monyadwi mo borobalong jwa gagwe. 17 A baperesiti, badiredi ba ga Jehofa, ba lele fa gare ga maribela le sebeso, mme a ba re: “Jehofa, rekegela batho ba gago, o se ka wa neela boswa jwa gago kgobong, gore merafe e ba laole; ana ba tlaa bo ba buelang mo ditšhabeng ba re: ‘Modimo wa bone o kae?’ ” 18 Foo Jehofa a hufanela lefatshe la gagwe, a tlhomogela batho ba gagwe pelo. 19 Jehofa a fetola, a raya batho ba gagwe, a re: “Bonang, ke tlaa lo leretse mabele, le bojalwa jwa mofine, le lookwane, mme lo tlaa di kgora; ga nketla ke tlhola ke lo dira kgobo mo merafeng; 20 ke tlaa tlosetsa ntwa ya botsheka kgakala le lona, ke tlaa e lelekela kwa lefatsheng le le sekaka le le le swafetseng, tlhogo ya yone e le mo lewatleng la botlhabatsatsi, le mogatla wa yone o le mo lewatleng la bophirimatsatsi; mme go nkga ga yone go tlaa tlhatloga, le moutlwalo wa yone o o bosula o tlaa tlhatloga, ka ba dirile dilo tse dikgolo.” 21 O se ka wa boifa, wena lefatshe, ipele o itumele; gonne Jehofa o dirile dilo tse dikgolo. 22 Lo se ka lwa boifa lona diphologolo tsa naga; gonne mafulo a naga a a tlhoga, gonne setlhare se a ungwa, ditlhare tsa mofeige le tsa mafine di ntsha thata ya tsone. 23 Ke gone, ipeleng lona bana ba Sione, lo itumele mo go Jehofa Modimo wa lona; gonne o lo naya pula ya sephai ka selekanyo se se siameng, o lo nesetsa pula, pula ya sephai le pula ya kgogolammoko ka kgwedi ya ntlha. 24 Dibopi di tlaa tlala mabele, le didibeletso di tlaa penologa bojalwa jwa mofine le lookwane. 25 “Ke tlaa lo rebolela tsa dinyaga tse tsie e di jeleng, le boijane, le seboko, le mogokong, ntwa ya me e kgolo e nkileng ka e roma mo go lona. 26 Lo tlaa jela mo letlotlong lo kgora, lo tlaa baka leina la ga Jehofa Modimo wa lona, yo o lo diretseng ka kgakgamatso; mme batho ba me ga ba ketla ba tlhajwa ke ditlhong gope. 27 Lo tlaa itse fa ke le mo gare ga Iseraele, le go re ke Jehofa Modimo wa lona, mme go bo go se na ope o sele. Mme batho ba me ga ba ketla ba tlhajwa ke ditlhong gope.” Letsatsi la Mowa wa Morena 28 “Go tlaa dirala morago ga mo, go re ke thele mowa wa me mo bathong botlhe; bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tlaa perofesa, banna bagolo ba lona ba tlaa lora ditoro, makau a lona a tlaa bona diponatshegelo. 29 Le mo batlhankeng le mo malateng ke tlaa thela mowa wa me mo metlheng eo. 30 Ke tlaa bonatsa dikgakgamatso mo magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo, le dithogomosi tsa mosi. 31 Letsatsi le tlaa fetolwa lefifi le kgwedi madi, pele motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle. 32 Go tlaa dirala go re, le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la ga Jehofa o tlaa gololwa; gonne mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema go tlaa nna ba ba falolang, jaaka Jehofa a buile, le mo masaleleng go tlaa nna bone ba Jehofa o ba bitsang.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa