Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yoele 1 - BAEBELE e e Boitshepo

1 Lefoko la ga Jehofa le le tsileng kwa go Joele morwa Pethuele:


Tshenyo ya tsie mo dijalong

2 Utlwang se, lona bannabagolo, lo sekegeng tsebe, lona banni botlhe ba lefatshe! A selo se, se kile sa nna mo metlheng ya lona, kgotsa mo metlheng ya borraeno?

3 Bolelelang bana ba lona ka ga sone, a bana ba lona ba bolelele bana ba bone, mme bana ba bone ba bolelele kokomana e nngwe.

4 Se mogokong o se tlogetseng, tsie e se jele; se tsie e se tlogetseng, boijane bo se jele; se boijane bo se tlogetseng, seboko se se jele.

5 Kubugang, matagwa ke lona, lo lele; bokolelang lona lotlhe banwi ba bojalwa jwa mofine, ka ntlha ya bojalwa jo bo monate; gonne bo kgaotswe mo ganong la lona.

6 Gonne morafe mongwe o o thata, o o se nang palo, o tsile mo lefatsheng la me; meno a one ke meno a tau, o na le meno a lotlhaa a tau e tona.

7 O kgakgabaditse mofine wa me, o kgobotse feige ya me makwati, o e kgoboletse ruri, o e latlhile, dikala tsa yone di ditshweu.

8 Hutsafala jaaka lekgarebana le le itlamileng ka letsela la kgetse, le hutsafalela monna wa borweetsana jwa lone.

9 Tshupelo ya boupe e na le tshupelo e e nowang e kgaotswe mo ntlong ya ga Jehofa; baperesiti, badiredi ba ga Jehofa, ba a hutsafala.

10 Lotlhagare lo kgakgabaditswe, lefatshe le a hutsafala; gonne mabele a sentswe, bojalwa jwa mofine jo boša bo tšhele, lookwane lo a tshoboega.

11 Lo tlhajwe ke ditlhong, lona balemi, bokolelang, lona babaakanyi ba mafine, ka ntlha ya mabele; le ka ntlha ya barele; gonne thobo ya masimo e sule.

12 Mofine o swabile, mofeige o a tshoboega; mogaranata, le one mokolane le moapole, e bong ditlhare tsotlhe tsa masimo di swabile; gonne boitumelo bo swabile, bo tlogile mo baneng ba batho.

13 Itlameng ka letsela la kgetse, lo hutsafale lona baperesiti; bokolelang lona badiredi ba sebeso; ntlong, lo lale bosigo jotlhe ka letsela la kgetse, lona badiredi ba Modimo wa me; gonne tshupelo ya boupe e na le tshupelo e e nowang e kganeletswe ntlo ya Modimo wa lona.

14 Itshepiseng go ikitsa go ja, kuang modiro o o masisi, phuthang banna bagolo, le banni botlhe ba lefatshe, lo ba phuthele mo ntlong ya ga Jehofa Modimo wa lona, mme lo biletse kwa go Jehofa.

15 Ija we! A letsatsi le legolo! Gonne letsatsi la ga Jehofa le atametse, le tlaa tla jaaka tshenyo e e tswang kwa go Mothatayotlhe.

16 A dijo ga di a kgaolwa fa pele ga matlho a lona? Ee, boitumelo le boipelo mo ntlong ya Modimo wa rona?

17 Dipeo di bola fa tlase ga makote a tsone; mabolokelo a mabele a swafaditswe, matlo a mabele a rutlilwe; gonne mabele a swabile.

18 Ana dikgomo di fegelwa jang! Matlhape a akabetse, ka a se na bohulo; ee, matsomane a dinku a swafaditswe.

19 Jehofa, ke goela koo go wena, gonne molelo o laitse mafulo a kwa nageng, dikgabo di fisitse ditlhare tsotlhe tsa naga.

20 Ee, diphologolo tsa naga di a go fegelelwa, gonne melatswana ya metsi e kgadile, molelo o laitse mafulo a kwa nageng.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan