Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 7 - BAEBELE e e Boitshepo


Jobe

1 “A ga se go re motho o na le lobaka lwa tirelo mo lefatsheng? A malatsi a gagwe ga a tshwane le malatsi a yo o thapilweng ka tuelo?

2 Jaaka motlhanka yo o eletsang thata go bona moriti go feta, le jaaka mothapiwa yo o lebeletseng tuelo ya gagwe;

3 jalo le nna ke ruisiwa dikgwedi tsa boithamako, ke laoletswe masigo a a tlhobaedisang.

4 E tle e re ke itelega, ke a tle ke re: ‘Ke tlaa tsoga leng?’ Mme bosigo bo nne boleele; ke tlale diphethekgano go tsamaye bosigo bo se.

5 Nama ya me e apesitswe diboko le lorole lo lo makote; letlalo la me le tle le kopane mme le itse go phanyega seša.

6 Malatsi a me a bofefo bogolo go selogi sa monyedi, a feta fela a se na tsholofelo.

7 “A ko o gakologelwe go re botshelo jwa me ke phefo fela, leitlho la me ga le ketla le tlhola le bona molemo.

8 Leitlho la yo o mponang ga le ketla le tlhola le nteba; matlho a gago a tlaa nna mo go nna, mme ke tlaa bo ke seyo.

9 Jaka leru le tle le nyelele, mme le kaologele koo, go ntse jalo, le ene yo o fologelang mo Bobipong ga a ketla a tlhola a tlhatloga.

10 Ga a ketla a tlhola a boela kwa ntlong ya gagwe, le gone felo ga gagwe ga go ketla go tlhola go mo itse.

11 “Ke gone ga nketla ke kganela molomo wa me; ke tlaa bua mo tlalelong e e mahehe ya mowa wa me; ke tlaa itoka mo botlhokong jwa botshelo jwa me.

12 A ke lewatle, kgotsa leruarua la lewatle, fa e bo ne ne o mpeela tebelo jaana?

13 Ya re fa ke re: ‘Bolao jwa me bo tlaa nkgomotsa, sesekamelo sa me se tlaa fefofatsa boitoko jwa me;’

14 foo o tle o ntshose ka ditoro, mme o ntheregise ka diponatshegelo.

15 Jalo mowa wa me o bo o tle o rate go betwa, o eteletse loso, bogolo go marapo a, a me.

16 Botshelo jwa me bo mpherosa sebete; ga ke rate ka tshelela ruri; ntesa, gonne malatsi a me ke boithamako fela.

17 Motho e a bo e le eng, fa e bo ne ne o mo godisa, o ba o tlhoma pelo ya gago mo go ene,

18 o mo tlhola ka meso yotlhe, o mo leka ka nako nngwe le nngwe?

19 Ana o tlaa gana ka lobaka lo lokae go faposa matlho mo go nna, le go ntesa ke tle ke metse mathe a me.

20 Fa ke leofile, ke go direlang, wena molebedi wa batho? Ana o ipeela sekonopiwa ka nna ka ntlha yang? Ke ba ke tla ke imelwa ke sebele sa me nna ka nosi.

21 Ga o itshwareleleng tlolo ya me, wa tlosa boikepo jwa me? Gonne ke tloga ke itelega mo loroleng; o tlaa mpatla ka tlhoafalo, mme ke tla bo ke seyo.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan