Yobe 4 - BAEBELE e e BoitshepoPuisanyo ya ntlha ya ga Jobe le ditsala tsa gagwe Elifase 1 Foo ga fetola Elifase wa Motemane, a re: 2 “Fa motho a leka go bua nao, a o tlaa nna pelo e botlhoko? Mme e mang yo o ka ithibang mo go bueng? 3 Bona, o rutile batho ba le bantsi, o thatafaditse diatla tse di bokoa. 4 Mafoko a gago a emisitse yo o ne a kgokgweetsega, le mangole a a obegang o a nonotshitse. 5 Mme jaanong se tsile mo go wena, mme o a idibala; se a go ama, mme o a huduega. 6 A go boifa Modimo ga gago ga se gone boikanyo jwa gago, le bosenang molato jwa ditsela tsa gago, a ga se jone tsholofelo ya gago? 7 “Ke a go rapela, o tle o gakologelwe gore e mang yo o kileng a nyelela a se na molato? Kgotsa bathokgami ba kile ba kgaolwa kae? 8 Ka fa nna ke bonyeng ka teng, ke go re: ba ba lemang boikepo, ba jala bosenyi, ba tle ba robe jone fela. 9 Ba tle ba nyelediwe ke go hema ga Modimo, ba lailwe ke tsubutlo ya bogale jwa one. 10 Go duma ga tau, le kodu ya tau e e bogale, le meno a ditawana, go robegile. 11 Tau e kgolo e tle e bopame ka go tlhoka phologolo, le bana ba tau e namagadi ba phatlalale. 12 “Jaana ka sebediwa sengwe, ka longwa tsebe ka ga sone. 13 E rile mo megopolong e e tswang mo diponatshegelong tsa bosigo, motlhang boroko jo bogolo bo tshwereng batho, 14 poifo ya nkwela, le thoromo, e e neng ya roromisa marapo a me otlhe fela. 15 Foo sedimo sengwe sa feta fa pele ga sefatlhogo sa me, nama ya me ya tlhonya bobowa. 16 Sa ema, mme ke se ka ka lemoga ponalo ya sone; ga bo go le sebopego fa pele ga matlho a me, go tuuletse fela, mme ka utlwa lentswe le re: 17 ‘A motho yo o swang o ka nna tshiamo bogolo go Modimo? A monna o ka itsheka bogolo go Modiri wa gagwe? 18 Bona, ga o ikanye batlhanka ba one; le baengele ba one o tle o ba neye molato wa boeleele. 19 Bogolo jang bone ba ba agileng mo matlong a seretse, a motheo wa one o leng mo loroleng, a phatlakanngwa jaaka serurubele. 20 Gare ga moso le maitsebowa ba tle ba senngwe, ba swele ruri, ba sa tlhokomelwe ke ope. 21 A megala ya megope ya bone ga e tlhomolwe mo teng ga bone? Ba swe, e bile e le mo go se nang botlhale.’ ” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa