Yobe 39 - BAEBELE e e Boitshepo1 “A o itse motlha o mafele a mafika a tsalang ka one? Kgotsa a o ka supa lobaka lwa phala go bona ngwana? 2 A o ka bala dikgwedi tsa tsone tsa bonemeru, kgotsa a o itse motlha o di tsalang ka one? 3 Di khubame, di tsale bana ba tsone, di latlhele mahutsana a tsone kwa ntle. 4 Bana ba tsone ba anye fela, ba thugugele mo nageng e e lobala fela; ba tsamaye, mme ba sa tlhole ba boa. 5 E mang yo o lesitseng esela ya naga ya tsamaya fela, kgotsa mang yo o hunolotseng dikgole tsa pitse e tilotsana, 6 e ntlo ya yone ke e dirileng, e bong naga, le lefatshe la dimpu e nne felo kwa e nnang gone? 7 E sotla tlhapeo wa motse, le gone ga e utlwe kgalemo ya mokgweetsi. 8 Namalalo ya dithaba ke mahulo a yone, mme e batle sengwe le sengwe se setala. 9 A nare e tlaa itumela go go direla? Kgotsa a e ka nna fa bojelong jwa gago? 10 A o ka golega nare ka kgole ya yone mo temong, kgotsa a e tlaa kokola mekgatšha e go setse morago? 11 A o tlaa e ikanya, ka gobo thata ya yone e le kgolo, kgotsa a o tlaa e tlogelela tiro ya gago? 12 A o tlaa e dumela gore e tlaa rora peo ya gago, e ba e kokoanya mabele a sebopi sa gago? 13 Lofuka lwa ntšhe lo a ebela; mme a diphafa tsa gagwe di na le bopelonomi, le fa e le bobowa jwa gagwe? 14 Gonne o tlogela mae a gagwe fa fatshe, o a thuthafatse mo loroleng. 15 A lebale fa lonao lo ka tla lwa a thuba, kgotsa fa sebatana se ka a gataka. 16 O direla bana ba gagwe ka peloethata, jaaka ekete ga se ba gagwe; le fa tiro ya gagwe e le lefela, ga a na poifo; 17 gonne Modimo o mo timile botlhale, le gone ga o a ka wa mo abela tlhaloganyo. 18 Mogang o itsholeletsang godimo, o tle a sotle pitse le mopalami wa yone. 19 A o neile pitse nonofo ya yone; a o apesitse thamo ya yone moetse o o fokafokang? 20 A ke wena yo o e dirileng gore e tlolatlole jaaka tsie? Go koma ga pudulo ya yone go a boitshega. 21 E tle e reme ka tlhako mo molapong, e itumele mo thateng ya yone: e tswe e ye go kgatlhantsha batho ba ba tlhometseng. 22 E tshege poifo, ga e tlakasele; le gone ga e neye tšhaka sekotla. 23 Mokotlopo o tlharakanye mo go yone, le lerumo le le šadiang matlho le putlela. 24 E kometse mmu ka bogale le tšararego; le gone e se ke e dumele fa e le kodu ya lonaka. 25 Gongwe le gongwe fa lonaka lo lela e re: ‘Ahe,’ mme e dupelele tlhabano kgakala, le modumo wa balaodi le lošalaba. 26 A segodi se fofa ka botlhale jwa gago, se tsharololela diphuka tsa sone kwa borwa? 27 A ntswi yo motona o fofela kwa godimo ka taolo ya gago, mme a dire setlhaga sa gagwe kwa godimo? 28 O aga mo lefikeng, mme o na le boago jwa gagwe gone, mo tlhoreng ya lefika, le mo felong fa go thata. 29 A le foo a kwaye phologolo; matlho a gagwe a e bonele kgakala. 30 Mamphorwana a gagwe le one a nwe madi, mme kwa go nang le ba ba bolailweng, le ene o gone.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa