Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yobe 3 - BAEBELE e e Boitshepo


Jobe o ngongoregela Modimo

1 Morago ga moo Jobe a tswa molomo, a hutsa letsatsi la gagwe.

2 Jobe a bua a re:

3 “A letsatsi le ke belegweng ka lone le nyelele, le bosigo jo bo buileng jwa re: ‘Go ithwelwe ngwana wa mosimane.’

4 A letsatsi leo e nne lefifi, a Modimo o se le tlhokomele o le godimong, le gone a lesedi le se le phatsimele.

5 A lefifi le moriti wa loso le le gape le le rue, a leru le le nne godimo; a gotlhe mo go ntshofatsang motshegare go le reregise.

6 Ka ga bosigo joo, a lefifi le lentsho le bo tshware; a bo se itumele mo malatsing a ngwaga; a bo se tsene mo palong ya dikgwedi.

7 Bonang, a bosigo joo bo nne lolea fela, a go se tle lentswe la boitumelo mo go lone.

8 A ba ba hutsang motshegare ba bo hutse, ba ba digonya go tsosa kgogela.

9 A dinaledi tsa lotlatlana lwa lone di nne lefifi, a bo batle lesedi, mme a bo se le bone; le gone a bo se bone dintshi tsa matlho a moso,

10 ka bo se ka jwa tswala sebopelo sa ga mme, le gone bo se ka jwa subela matlho a me khuduego.

11 Ana ke ne ke sa sweleng ke sa tswa mo sebopelong, ke ne ke sa gonogeleng ke tswa mo mpeng fela?

12 Ana mangole a ne a nkamogelelang, le mabele, fa e bo ne ne ke ne ka bona go anya?

13 Gonne e ne e ka bo ne ne gompieno ke rapame ke iketlile, nka bo ke robetse; foo nka bo ne ne ke le mo boikhutsong;

14 nka bo ke na le dikgosi le bagakolodi ba lefatshe, ba ba neng ba ikagela difikantswe tse di emeng di le tsosi.

15 Kgotsa nka bo ke na le magosana a a neng a na le gouta, a a neng a tlatsa mantlo a one ka selefera;

16 kgotsa nka bo ke ne ke seyo jaaka tshenyegelelo e e subegileng, jaaka banyana ba ba se kang ba buduloga gope.

17 Baikepi ba khutla go tshwenya teng; le balapi ba bona boikhutso teng.

18 Bagolegwi ba lapologa mmogo gone; ga ba utlwe lentswe la mogobagobetsi gone.

19 Ba bannye ba teng le ba bagolo; motlhanka o gololesegile mo go mong wa gagwe teng.

20 Ana lesedi le newa ene yo o mo matladikeng ka ntlha yang, le botshelo, ene yo o galakegang mo moeng;

21 ba ba eletsang loso, mme lo sa tle; ba lo epa bogolo go dikhumo tse di fitlhilweng;

22 e le ba ba ipelang mo gogolo thata, ba ba ba itumela fa ba ka bona phupu?

23 Ana lesedi le neelwang motho yo tsela ya gagwe e fitlhegileng, le yo Modimo o mmeetseng ka matlhaku?

24 Gonne phegelo ya me e tle e tle ke ise ke je, le dipokolelo tsa me di tshologe fela jaaka metsi.

25 Gonne selo se ke se boifang se tla mo go nna, le selo se ke se tshabang se a ntlela.

26 Ga ke a iketla, le gone ga ke a kgaotsa, le gone ga ke na boikhutso: mme khuduego e tla fela.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan