Yobe 26 - BAEBELE e e BoitshepoJobe 1 Foo Jobe a fetola a re: 2 “Ana o thusitse jang ene yo o se nang thata! Ana o bolokile jang letsogo le le se nang nonofo! 3 Ana o gakolotse jang ene yo o se nang botlhale, wa ba wa bolela ka botlalo kitso ya mmaanete! 4 O kakanyeditse mang mafoko? Mme go dule mowa wa ga mang mo go wena?” Biletate 5 “Ba ba suleng ba roroma fa tlase ga metsi le tse di agileng mo go one. 6 Bobipo ga bo a ikatega fa pele ga one, le Molete wa Tshenyegelo ga o na sebipo. 7 O phuthololela botsheka kwa sebakeng se se lolea fela, o lepeletse lefatshe kwa go seng sepe. 8 O bofelele metsi mo marung a one a a kwenneng; mme leru ga le phanyege tlase ga one. 9 O sireletse ponalo ya setulo sa one sa bogosi, o ale leru la one mo go sone. 10 O radile molelwane mo godimo ga metsi, go ya dikhutlong tsa lesedi le lefifi kwa di kopanelang teng. 11 Maotwana a legodimo a reketle, a gakgamale ka kgalemelo ya one. 12 O hudue lewatle ka thata ya one, mme o phololetse Moikgogomosi ka tlhaloganyo ya one. 13 Magodimo a kgabisiwa ka mowa wa one; seatla sa one se tlhabile noga e e fefogang. 14 Bonang, mo ke kwa dintlhaneng fela ga ditsela tsa one; mme re utlwa ka phofonyetso e nnye jang ka ga one! Go duma ga nonofo ya one e mang yo o ka go tlhaloganyang?” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa