Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yesaye 4 - BAEBELE e e Boitshepo

1 E tlaa re mo letsatsing leo basadi ba supa ba tlaa tshwara monna a le mongwe fela, ba re: “Re tlaa ja dijo tsa rona, re tlaa apara diaparo tsa rona, mme a re ke re bidiwe ka leina la gago fela; wena o tlose kgobo ya rona.”


Jerusalema o tlaa tsosolosiwa seša

2 Mo letsatsing leo, letlhogela la ga Jehofa le tlaa nna lentlentle, le ba le galalela, mme loungo lwa lefatshe lo tlaa tlotlomala lo ntlafalela ba ba falotseng ba Iseraele.

3 Go tlaa dirala go re yo o tlogetsweng mo Sione le yo o setseng mo Jerusalema o tlaa bidiwa boitshepo, e bong mongwe le mongwe yo o kwaletsweng botshelo mo Jerusalema.

4 Motlhang o Morena o tlhatswitseng matladika a bomorwadia Sione, a gelola madi a Jerusalema mo gare ga one, ka mowa wa tshekiso, le ka mowa wa phiso.

5 Mme Jehofa o tlaa tlhola leru le mosi go nna mo godimo ga bonno jotlhe jwa thaba ya Sione, le godimo ga diphuthego tsa one mo motshegareng, le go phatsima ga molelo o o tutumang bosigo; gonne mo godimo ga kgalalelo yotlhe go tlaa tsharololelwa logogo lo lo sirang.

6 Go tlaa nna loobo lwa moriti mo motshegareng go sira mogote, le go nna botshabelo mo matsubutsubung le mo puleng.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan