Yeremie 9 - BAEBELE e e Boitshepo1 A bo tlhogo ya me e ka bo e le metsi, le matlho a me a ka bo a le motswedi wa dikeledi, gore ke tle ke lelele ba ba bolailweng ba morwadia batho ba me, motshegare le bosigo! 2 A bo ke ka bo ke na le felo ga bolalo ga batsamai le tsela mo nageng; gore nka bo ke tlogela batho ba me ka tswa mo go bone! gonne ke bagokafadi botlhe, phuthego ya malotsana. 3 “Ba obe loleme lwa bone, jaaka e ka bo e le bora jwa bone go tla ba bua maaka; mme ba nonofetse mo lefatsheng, mme e seng ntlheng ya boammaaruri: gonne ba tle ba tswe mo bosuleng bongwe, ba ye mo bosuleng jo bongwe, mme ga ba nkitse,” go bua Jehofa. 4 “A mongwe le mongwe a itise mo go wa ga gabo, ope a se ka a ikanya ngwana a rraagwe; gonne ngwanaa rramotho mongwe le mongwe o tle a tlhalefeletse yo mongwe ruri, mme mongwe le mongwe wa ga gabo motho o tle a nne a tsamaye ka ditlabeletso. 5 Mongwe le mongwe o tlaa tsietsa wa ga gabo, ga ba ketla ba bua boammaaruri; ba rutile diteme tsa bone go bua maaka; ba inaya letsapa la go dira boikepo. 6 Bonno jwa gago bo mo gare ga tsietso; ka ntlha ya tsietso ba gana go nkitse,” go bua Jehofa. 7 Ke gone ka moo Jehofa wa masomosomo o buang jaana, a re: “Bonang, ke tlaa ba tlhapolosa, ke ba leka; gonne ke ka bo ke dira jang ka go sele, ka ntlha ya morwadia batho ba me? 8 Loleme lwa bone ke motswi o o tlisang loso; lo bua tsietso; motho o a tle a bue kagiso le wa ga gabo ka molomo, mme mo pelong a mo laletse. 9 A ga nketla ke ba kgopololela dilo tse?” go bua Jehofa; “a mowa wa me ga o ketla o itefetsa mo morafeng o o ntseng jaana?” 10 Ke tlaa tlhabeleletsa dithaba selelo le kuruetso, le mafulo a naga khutsafalelo, gonne a fisitswe, go bile ga go tle ope ka gona; le gone batho ga ba kake ba utlwa kodu ya dikgomo; go le dinonyane tsa loapi, le diphologolo di tshabile, di ile. 11 “Ke tlaa dira Jerusalema mekoakoa, boago jwa diphokoje; ke tlaa dira metse ya Juta tshwafalo go se na monni.” 12 Monna yo o botlhale ke mang, yo o ka tlhaloganyang se? Yo molomo wa ga Jehofa o buileng nae ke mang, gore a se bolele? Ke ka ntlha yang lefatshe le sule, le šele jaaka naga, go bile go sa tle ope ka teng? 13 Jehofa a re: “E re ka ba latlhile molao wa me o ke o beileng fa pele ga bone, mme ba se ka ba utlwa lentswe la me, le fa e le go sepela mo go lone; 14 mme ba sepetse ka fa logwading lwa pelo tsa bone, ba ile le boBaale, mo ba go rutilweng ke borraabo.” 15 Ke gone ka moo, go bua jaana Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re: “Bonang, ke tlaa ba jesa, e bong batho ba, ke ba jese longana, ke tlaa ba nosa santlhokwe. 16 Le gone ke tlaa ba falaletsa le merafe e ba iseng ba ke ba e itse le fa e le borraabo; mme ke tlaa ba latedisa tšhaka, go tsamaye ke ba nyeletse.” Batho ba Jerusalema ba a lela ba kopa thuso mo Moreneng 17 Go bua jaana Jehofa wa masomosomo, a re: “Lo gopole, mme lo bitse basadi ba khutsafalelo gore ba tle; lo romele basadi ba ba matsetseleko gore ba tle: 18 A ba itlhaganele, mme ba re tlhabeleletse selelo, gore matlho a rona a tshologe dikeledi, le dintshi tsa matlho a rona di gorometse metsi. 19 Gonne modumo wa khutsafalelo o a utlwala o tswa Sione, o re: ‘Ana re thopilwe jang! Re sosobagantswe, ka re latlhile lefatshe, ka ba digile manno a rona.’ ” 20 Le fa go ntse jalo utlwang tlheng lefoko la ga Jehofa, lona basadi, mme a ditsebe tsa lona di amogele lefoko la molomo wa gagwe, lo rute bomorwadia lona kuruetso, le mongwe le mongwe a rute wa ga gabo khutsafalo. 21 Gonne loso lo tlhatlogile lo tsenye ka diipone tsa rona, lo tsenye mo matlong a dikgosi tsa rona; go tla lo kgaola banyana kwa ntle, le makau mo mebileng. 22 Bua o re: Jehofa o bua jaana, a re: “Ditoto tsa batho di tlaa wela mo nageng e e lobala fela jaaka boloko, le jaaka mabelenyana a tle a we mo seatleng sa mosegi, mme go se na ope yo o tlaa a selang.” 23 Jehofa o bua jaana, a re: “A motho yo o botlhale a se ipelafatse ka botlhale jwa gagwe, le motho yo o thata a se ipelafatse ka thata ya gagwe, a mohumi a se ipelafatse ka khumo ya gagwe; 24 mme yo o ipelafatsang a a ipelafatse ka go re o a ntlhaloganya, o a nkitse fa ke le Jehofa yo ke dirang bopelonomi jwa lorato, le katlholo, le tshiamo, mo lefatsheng; gonne ke natefelwa ke dilo tseo,” go bua Jehofa. 25 “Bonang, metlha e etla,” go bua Jehofa, “e ke tlaa betsang botlhe ba ba rupisitsweng mo bokgoleng jwa bone ka yone; 26 Egepeto, le Juta, le Etome, le bana ba Amone, le Moabe, le botlhe ba ba sekotsweng ditlhogo, ba ba agileng mo nageng, gonne merafe yotlhe ga e a rupa, le ba ntlo ya Iseraele botlhe ga ba a rupa mo pelong.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa