Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yeremie 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Baiseraele ba lopiwa go ikwatlhaya

1 “Fa o tlaa boa, wena Iseraele,” go bua Jehofa, “o tlaa boela mo go nna; mme fa o ka tlosa makgapha a gago fa pele ga me, foo ga o ketla o tlosiwa;

2 o tlaa ikana, o re: ‘Jaaka Jehofa a tshedile,’ mo boammaaruring, mo tshiamisong le mo tshiamong; mme merafe e tlaa itshegofatsa, mo go ene, e tlaa ikgantsha ka ene.”

3 Gonne Jehofa o bua jaana le banna ba Juta le Jerusalema, a re: “Lemang lefatshe la lona thobu, mme lo se ka lwa jala mo mitlweng.

4 Ithupisetseng Jehofa, lo tlose bokgola ja pelo tsa lona, lona banna ba Juta le banni ba Jerusalema; tšarafalo ya me e ka tla ya tswa jaaka molelo, ya tuka mo go sa kakeng ga tingwa ke ope, ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa lona.”


Juta o gomagomelwa ke go tlhaselwa

5 Bolelang mo Juta, lo itsise mo Jerusalema; lo re: “Letsang lonaka mo lefatsheng; opang mokgosi thata, lo re: ‘Phuthegang, a re tseneng mo metseng e e thekeleditsweng.’

6 Tlhomang mokgele o lebe kwa Sione; tshabang, se diegeng, gonne ke tlaa lere bosula bo tswa ntlheng ya botsheka, le tshenyo e kgolo.”

7 Tau e tlhatlogile mo setswatsweng sa yone, le mosenyi wa merafe; o mo tseleng, o dule mo felong ga gagwe, go tla go swafatsa lefatshe la gago gore metse ya gago e tle e gokgolelwe e se na monni.

8 Ka ntlha ya moo lo itlamelele ka letsela la kgetse, lo hutsafale, lo bokolele; gonne bogale jo bo fisang jwa ga Jehofa ga bo a boa mo go rona.

9 “Mme go tlaa dirala mo motlheng oo,” go bua Jehofa, “go re pelo ya kgosi e tlaa rema, le pelo ya dikgosana; le baperesiti ba tlaa ja kgakge, le baperofeti ba tlaa gakgamala.”

10 Foo ka re: “Ao, Jehofa Modimo! Ruri o a bo o tsieditse tšhaba e thata, le Jerusalema, wa re: ‘Lo tlaa bona kagiso’; etswa tšhaka e tsenetse mo moweng.”

11 E tlaa re mo motlheng oo go tlaa rewa tšhaba e, le ba Jerusalema, go twe: “Phefo e e molelo e e tswang kwa dithoteng tse di loforotlho kwa bogareng ga naga e tlaa e lebile morwadia batho ba me, e seng go olosa le fa e le go ntlafatsa;

12 phefo e e thata e e tswang kwa go tseo e tlaa tla ka ga me; jaanong le gone ke tlaa bua ditshekiso ka ga bone.”


Juta o dikanyeditswe ke baba

13 Bonang o tlaa nyeloga jaaka maru, dikara tsa gagwe di tlaa nna jaaka setsuatsue; dipitse tsa gagwe di fefoga bogolo go bontswi, Ija! A bo re latlhegile, gonne re thopilwe!

14 Jerusalema, tlhapisa pelo ya gago boikepo, gore o tle o bolokwe. Ana megopolo ya gago e e bosula e tla tlhola nao ka lobaka lo lo kaye?

15 Gonne lentswe lengwe le bolela kwa ntlheng ya Dane, le kakanya bosula ntlheng ya makhujana a Eferaime.

16 Lomang merafe tsebe; bonang, kakanyang ka ga Jerusalema, lo re: “Ditlhola di tswa lefatsheng le le kgakala, di opela metse ya Juta mokgosi.

17 Jaaka baleti ba tshimo ba o dikile; ka a ne a ntse a ntsuololela;” go bua Jehofa.

18 “Mokgwa wa gago le ditiro tsa gago di go lereditse dilo tse; jo ke jone boikepo jwa gago; gonne bo bogalaka, ka go bo bo tsenela mo pelong ya gago.”


Jeremia o lelela batho ba gagwe

19 Mala a me we, mala a me we! Ke botlhoko le mo pelong ya me tota; pelo ya me e tlhobaela mo teng ga me; ke retelelwa ke go didimala; gonne wena mowa wa me, o utlwile modumo wa lonaka, le tshoso mokgosi wa dira.

20 Go kuiwa tshenyego mo tshenyegong; gonne lefatshe lotlhe le thopilwe; megope ya me e thopilwe ka tshoganetso, matsela a dilepelelo a me ka ponyo ya leitlho.

21 Ke tlaa bona mokgele ka lobaka lo lo kaye, ke ba ke utlwa modumo wa lonaka?

22 “Gonne batho ba me ba boeleele, ga ba nkitse; ke bana ba sekamatagwa, ga ba na tlhaloganyo epe; ba botlhale go dira bosula, mme ga ba na kitso ya go dira molemo.”


Ponatshegelo ya ga Jeremia e e supang go senngwa ga lefatshe

23 Ka leba lefatshe, mme bonang, la bo le tobekanye fela le sa itsege sepe; le magodimo, mme a ne a se na lesedi.

24 Ka leba dithaba, mme bonang, tsa bo di roroma, le makhubu otlhe a golorela kwa le kwa.

25 Ka leba, mme bonang, ga bo go se na motho, le dinonyane tsotlhe tsa loapi di ne di tshabile.

26 Ka leba, mme bonang, leota le le emang loungo le ne le le naga fela, mme metse yotlhe ya teng e ne e rutlologile ka sebonalo sa ga Jehofa, le fa pele ga bogale jwa gagwe jo bo tukang.

27 Gonne go bua jaana Jehofa, a re: “Lefatshe lotlhe le tlaa nna tshwafalo; le fa go ntse jalo ga nketla ke nyeleletsa ruri.

28 Lefatshe le tlaa hutsafalela moo, le magodimo kwa godimo a tlaa nna mantsho; ka go bo ke se buile, ke se ikaeletse, mme ga ke a ikwatlhaya, le gone ga nketla ke boa mo go sone.”

29 Motse otlhe o tshaba ka modumo wa bapalama dipitse, le wa bahudi ka bora; ba tsena mo ditswatsweng, ba palamela mo mafikeng; motse mongwe le mongwe o tlogetswe fela, mme ga go na motho yo o nnang mo go one.

30 Wena o tlaa re o thopilwe, o tlaa dirang? Le fa o ka ikapesa ka bohibidu jo bo letlhololo, le fa o ka ikgabisa ka mekgabo ya gouta, le fa o ka itshasa matlho go a dira makalaba, wa bo o itirela bontle lefela fela; dinyatsi tsa gago di a go nyatsa, di senka botshelo jwa gago.

31 Gonne ke utlwile lentswe jaaka e kete la mosadi a le mo pelegong, tlalelo e e mahehe e kete ya mongwe yo e leng gone o bonang ngwana wa ntlha, lentswe la morwadia Sione, a hupetse mowa, mme a ntsha diatla, a re: “Jo we! Gonne mowa wa me o idibala fa pele ga babolai.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan