Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yehoshue 8 - BAEBELE e e Boitshepo


Go tsewa le go senngwa ga Ai

1 Jehofa a raya Jošua a re: “Se boife, le gone o se ka wa tseana; tsaya batho botlhe ba ntwa, o nanoge o ye kwa Ai; bona, kgosi ya Ai ke e tsentse mo seatleng sa gago, le batho ba yone, le motse wa yone, le lefatshe la yone.

2 O direle Ai le kgosi ya gone jaaka o diretse Jeriko le kgosi ya teng; fa e se thopo ya gone, le dikgomo tsa teng; tseo lo di itseele e le thopo; o tle o beele motse balaledi fa morago ga one.”

3 Jalo Jošua a nanoga, le batho botlhe ba ntwa, ba ya kwa Ai; Jošua a tlhaola batho ba le 30 000, dinatla tse di pelokgale, mme a ba bolotsa bosigo.

4 Jalo a ba laola, a re: “Bonang, lo tlaa lalela motse fa morago ga motse; lo se ka lwa nna kgakala bobe le motse, lo bo lo iketleeditse lotlhe;

5 nna le batho botlhe ba ke nang nabo, re tlaa atamela kwa motseng; mme go tlaa dirala go re fa ba re thologela, jaaka ga ntlha, re tshabe fa pele ga bone.

6 Ba tlaa tswa ba re latela go tsamaye re ba katose motse, gonne ba tlaa re: Ba a re tshaba jaaka ga ntlha; jalo re tlaa tshaba fa pele ga bone.

7 Lo nanoge mo talelong, lo thope motse; gonne Jehofa Modimo wa lona o tlaa o tsenya mo seatleng sa lona.

8 Go tlaa dirala go re, lo sena go thopa motse, lo o tshube ka molelo; lo dire ka fa lefokong la ga Jehofa; bonang, ke lo laotse.”

9 Jošua a ba bolotsa, ba ya talelong, ba nna fa gare ga Bethele le Ai, go pota Ai ntlheng ya bophirimatsatsi; mme Jošua a lala kwa bathong bosigong joo.

10 Jošua a phakela ka moso, a phutha batho, a ba gopola, a tsamaya ene le bagolwane ba Iseraele, ba etelela batho pele, ba ya kwa Ai.

11 Batho botlhe, e bong banna ba ntwa ba ba nang nae, ba tsamaya, ba atamela, ba fitlha fa pele ga motse, ba thibelela ba potile Ai ntlheng ya botsheka; mme ga bo go le molapo gare ga gagwe le Ai.

12 A tsaya banna e ka ne e le ba le 5 000, a ba baya talelo fa gare ga Bethele le Ai, go pota motse ntlheng ya bophirimatsatsi.

13 Jalo ba aba batho, e bong ntwa yotlhe e e potileng motse ntlheng ya botsheka, le balaledi ba bone ba ba potileng motse ntlheng ya bophirimatsatsi; ya re bosigo joo Jošua a ya mo gare ga molapo.

14 Ga dirala e rile kgosi ya Ai e bona jalo, ba akofa ba phakela, mme batho ba motse ba thologela Iseraele go tlhabana nabo, yone le batho botlhe ba yone, ka lobaka lo lo laotsweng, fa pele ga Araba; e ne e sa itse fa go na le talelo e e ba laletseng fa morago ga motse.

15 Jošua le Baiseraele botlhe ba itshema go fenngwa, ba tshaba ka tsela ya naga.

16 Batho botlhe ba ba mo motseng ba bilediwa mmogo go tla ba ba konatelela; ba konatelela Jošua, ba katosiwa motse.

17 Ga bo go sa sala monna ope mo Ai le fa e le mo Bethele, yo o se kang a tswa a ya go konatelela Iseraele; ba tlogela motse o atlhame fela, ba konatelela Iseraele.

18 Jehofa a raya Jošua a re: “Supa Ai ka lerumo le le mo seatleng sa gago; gonne ke tlaa o tsenya mo atleng sa gago.” Jošua a supa motse ka lerumo le le mo seatleng sa gagwe.

19 Balaledi ba nanoga ka bonako fa ba ne ba le gone, mme ya re a sena go otlolola letsogo ba siana, ba tsena mo motseng, ba o thopa; ba itlhaganela ba o tshuba ka molelo.

20 E rile banna ba Ai ba gadima, ba leba, bonang, ba fitlhela mosi wa motse o kuelela legodimong, mme ba bo ba se na thata ya go tshabela kwa le fa e le kwa; batho ba ba tshabetseng kwa gare ga naga ba menogela mo bakonateleding.

21 E rile Jošua le Baiseraele botlhe ba bona fa balaledi ba thopile motse, e bile mosi wa motse o kuelela, foo ba menoga ba bolaya banna ba Ai.

22 Ba bangwe ba ba thologela ba tswa mo motseng; mme ba bo ba le fa gare ga Baiseraele, bangwe ntlha e, ba bangwe ntlheng e nngwe; ba ba kgemetha, ba se ka ba lesa ope a sala le fa e le yo o falolang.

23 Mme ba tshwara kgosi ya Ai e tshedile, ba e isa kwa go Jošua.

24 Ga dirala ya re Baiseraele ba sena go wetsa go bolaya banni botlhe ba Ai mo matlhagareng, le mo nageng kwa ba ba konateletseng teng, mme ba ole botlhe ka bogale jwa tšhaka, ga tsamaya ba fela, jaana Baiseraele botlhe ba boela kwa Ai, ba o kgemetha ka bogale jwa tšhaka.

25 Batho botlhe ba ba oleng ka tsatsi leo, banna le basadi, e ne e 12 000, e bong batho botlhe ba Ai.

26 Gonne Jošua ga a ka a gona letsogo le o ne a le otlolotse ka lerumo, ga tsamaya banni botlhe ba Ai a ba senyetsa ruri pele.

27 Fa e se dikgomo le thopo ya motse oo, Baiseraele ba di itseela, ka fa lefokong la ga Jehofa le o le laoletseng Jošua.

28 Jalo Jošua a fisa Ai ka molelo, a o ntsha thutubudu ka bosakhutleng, e bong tshwafalo fela, le gompieno.

29 A pega kgosi ya Ai mo setlhareng, go ya maitseboeng; e rile letsatsi le ya phirimong Jošua a laola gore ba pagolole setoto sa yone mo setlhareng, ba se latlhela fa botsenong jwa kgoro ya motse, mme a koela mo godimo ga sone mokoa o mogolo wa maje, o gone le gompieno.


Molao o o kwadilweng kwa Ebale

30 Foo Jošua a agela Jehofa Modimo wa Iseraele sebeso mo thabeng ya Ebale,

31 jaaka Moše motlhanka wa ga Jehofa a laoletse bana ba Iseraele, jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa molao wa ga Moše, e bong sebeso sa maje a a sa betlwang, a a seng a ekelwe tshipi epe ke motho ope; mo go sone ba isetsa Jehofa ditshupelo tse di fisiwang, ba tlhaba ditlhabelo tsa kagiso.

32 A kwala gone mo majeng malebela a molao wa ga Moše, o o ne a o kwala me ponong ya bana ba Iseraele.

33 Baiseraele botlhe, le bagolwane ba bone, le bagolo, le baatlhodi ba bone, ba ema ka fa ntlheng nngwe le ka fa ntlheng e nngwe ya letlole fa pele ga baperesiti Balefi, e le barwadi ba letlole la kgolagano ya ga Jehofa, moeng le yo o tsaletsweng mo gae, bontlhanngwe bo lebaganye le thaba ya Gerisime, bontlhanngwe bo lebaganye le thaba ya Ebale; jaaka Moše motlhanka wa ga Jehofa a ne a laotse, gore ba tle ba segofatse batho ba Iseraele pele.

34 Morago ga moo a bala fafoko otlhe a molao, tshegofatso le phutso, ka fa go tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lwa molao.

35 Mo mafokong otlhe a Moše o ne a a laotse, go ne go se na lefoko lepe le Jošua o se kang a le bala fa pele ga phuthego yotlhe ya Iseraele, le basadi, le banyana, le baeng ba ba tlwaelanyeng nabo.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan