Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yehoshue 4 - BAEBELE e e Boitshepo


Matlapa a a some le bobedi, a tlhongwa go nna segopotso

1 Ga dirala ya re morafe otlhe o sena go kgabaganyetsa Joretane ruri, Jehofa a bua le Jošua, a re:

2 “Lo itseele banna ba le 12 mo bathong, monna a le mongwe fela wa lotso longwe le longwe.

3 Lo ba laole, lo re: ‘Tsayang fano mo gare ga Joretane, fa dinao tsa baperesiti di ne di tsepame gone, maje a le 12, lo tshele nao, lo ye go a baya kwa marobalong, kwa lo tlaa lalang gone gompieno.’ ”

4 Foo Jošua a bitsa banna ba ba 12, ba o ne a ba baakantse ba bana ba Iseraele, monna a le mongwe fela wa lotso longwe le longwe.

5 Jošua a ba raya a re: “Fetang lo tsamaye fa pele ga letlole la ga Jehofa Modimo wa lona, lo ye kwa bogareng jwa Joretane, mme monna mongwe le mongwe wa lona a tseye lentswe ka legetla, ka fa palong ya ditso tsa bana ba Iseraele:

6 Gore selo se e nne sesupo mo go lona, sa go re e tle e re fa bana ba lona ba botsa mo lobakeng lo lo tlang, ba re: ‘Lo kayang ka maje a?’

7 Foo lo tlaa ba raya lo re: ‘Ke ka gonne metsi a Joretane a ne a kgaolwa fa pele ga letlole la kgolagano ya ga Jehofa; e rile re kgabaganya Joretane metsi a Joretane a kgaolwa; mme maje a, a tlaa nna segopodiso mo baneng ba Iseraele ka bosakhutleng.’ ”

8 Bana ba Iseraele ba dira jalo jaaka Jošua a laotse, ba tsaya maje a le 12 mo gare ga Joretane, jaaka Jehofa a buile le Jošua, ka fa palong ya ditso tsa bana ba Iseraele; mme ba ya nao kwa ba yang go lala teng, ba a baya teng.

9 Jošua a tlhoma maje a le 12 mo gare ga Joretane, fa dinao tsa baperesiti ba ba rweleng letlole la kgolagano di ne di eme gone. A teng le gompieno.

10 Ka gonne baperesiti ba ba rweleng letlole ba ne ba ema mo gare ga Joretane, ga tsamaya tsotlhe tsa wediwa tse Jehofa o di laoletseng Jošua, gore a di bue le batho ka fa go tsotlhe tse Moše o di laoletseng Jošua; batho ba itlhaganela, ba kgabaganya.

11 Ga dirala ya re batho botlhe ba sena go tshelela ruri, letlole la ga Jehofa la tshela, le baperesiti, mo ponong ya batho.

12 Bana ba ga Rubene, le bana ba ga Gate, le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase, ba tshela ba tlhometse fa pele ga bana ba Iseraele, jaaka Moše a buile nabo.

13 Ga kgabaganya e ka ne e le batho ba le 40 000, ba kgabaganya ba tlhometse ba iketleeleditse ntwa, ba tshela fa pele ga Jehofa, ba ya tlhabanong, mo dipaleng tsa Jeriko.

14 Jehofa a godisa Jošua ka tsatsi leo mo ponong ya Baiseraele botlhe, mme ba mmoifa, jaaka ba ne ba boifa Moše, ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.

15 Jehofa a bua le Jošua, a re:

16 “Laola baperesiti ba ba rweleng letlole la tshupo, gore ba tlhatloge mo Joretane.”

17 Foo Jošua a laola baperesiti, a re: “Tlhatlogang mo Joretane.”

18 Ga dirala ya re baperesiti ba ba rweleng letlole la kgolagano ya ga Jehofa ba sena go tlhatloga mo gare ga Joretane, dipato tsa dinao tsa baperesiti di sena go nanogela mo lefatsheng le le omeletseng, metsi a Joretane a boela kwa bonnong jwa one, a penologela dimota tsotlhe tsa one, jaaka gale.

19 Batho ba tlhatloga mo Joretane ka letsatsi la lesome la kgwedi ya ntlha, ba thibelela mo Gilegale, go pota Jeriko ka fa botlhabatsatsi.

20 Maje ao a a some le metso mebedi, a ba a ntshitseng mo Joretane, Jošua a a tlhoma mo Gilegale.

21 A bua le bana ba Iseraele, a re: “E tlaa re fa bana ba lona ba botsa borraabo mo lobakeng lo lo tlang, ba re: ‘Maje ao a kayang?’

22 Foo lo tlaa itsise bana ba lona, lo re: ‘Iseraele o ne a kgabaganya Joretane ono, ba gata lefatshe le le omeletseng.’

23 Gonne Jehofa Modimo wa lona o ne a kgadisa metsi a Joretane fa pele ga lona, ga tsamaya lwa tshela, jaaka Jehofa Modimo o kile a direla Lewatle le Lehibidu, le o ne a le kgadisa fa pele ga rona, ga tsamaya ra tshela,

24 gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di itse letsogo la ga Jehofa fa le nonofile; le gore ba boife Jehofa Modimo wa lona ka bosakhutleng.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan