Yehoshue 3 - BAEBELE e e BoitshepoBaiseraele ba tshela Joretane 1 Ya re ka moso Jošua a phakela, a huduga mo Shitime, a tla fa Joretane, ene le bana botlhe ba Iseraele; ba lala gone ba ise ba kgabaganye. 2 Ga dirala ya re morago ga malatsi a le mararo, bagolo ba ralala bothibelelo; 3 ba laola batho, ba re: “Mogang lo bonang letlole la kgolagano ya ga Jehofa Modimo wa lona, le baperesiti Balefi ba le rwele, foo lo tlogeng mo felong ga lona lo le sale morago. 4 Mme le fa go ntse jalo a go nne sebaka fa gare ga lona le lone, e ka ne e le kilometara e le nngwe fela ka selekanyo; lo se ka lwa le atamela, gore lo itse tsela e lo e tsayang; gonne ga lo ise lo ko lo fete ka tsela e gope.” 5 Jošua a raya batho, a re: “Iitshepiseng; gonne Jehofa o tlaa tsoga a dira dikgakgamatso mo go lona ka moso.” 6 Jošua a bua le baperesiti a re: “Tsholetsang letlole la kgolagano, lo kgabaganye fa pele ga batho.” Mme ba tsholetsa letlole la kgolagano, ba tsamaya fa pele ga batho. 7 Jehofa a raya Jošua, a re: “Gompieno ke tlaa simolola go go godisa mo ponong ya Baiseraele botlhe, gore ba tle ba itse fa ke na nao, fela jaaka ke ne ke na le Moše. 8 O laole baperesiti ba ba rwalang letlole la kgolagano, o re: ‘E re lo fitlha fa masegong a metsi a Joretane, lo eme fela mo Joretane.’ ” 9 Jošua a raya bana ba Iseraele, a re: “Tlang kwano lo utlwe mafoko a ga Jehofa Modimo wa lona.” 10 Jošua a re: “Lo tlaa itse ka se, fa Modimo o o tshedileng o le mo go lona, le go re ga a ketla a tlhaela go leleka fa pele ga lona Bakanana, le Bahite, le Bahife, le Baperise, le Bagiregaše le Baamore le Bajebuse. 11 Bonang, letlole la kgolagano ya Morena wa lefatshe lotlhe le lo etelela pele le ya mo Joretane. 12 Ke gone jaana, tsayang banna ba le some le metso mebedi mo ditsong tsa Iseraele, monna mongwe wa lotso longwe le longwe. 13 Go tlaa re dinao tsa baperesiti ba ba rweleng letlole la ga Jehofa, Morena wa lefatshe lotlhe, di ema mo metsing a Joretane, metsi a Joretane a tlaa kgaolwa, e bong metsi a a tswang kwa godimo; a tlaa ema a le mokoa mongwe fela.” 14 Ga dirala, ya re batho ba tloga mo megopeng ya bone, ba ya go kgabaganya Joretane, baperesiti ba ba rweleng letlole la kgolagano ba bo ba le fa pele ga batho; 15 erile ba ba rweleng letlole ba fitlha mo Joretane, dinao tsa baperesiti ba ba rweleng letlole di inwa fa masegong a metsi (gonne Joretane o tle o penologele dimota tsotlhe tsa one ka lobaka lotlhe lwa thobo), 16 metsi a a tswang kwa godimo a fitlha a ema, a gogomoga a nna mokoa o le mongwe fela, wa ya go fitlha kwa kgakala, kwa Atame, motse o o bapileng le Sarethane; mme a a elelang ntlheng ya lewatle la Areba, e bong Lewatle la Letswai, a kgaogela ruri; batho ba kgabaganya ba lebaganye le Jeriko fela. 17 Baperesiti ba ba rweleng letlole la kgolagano ya ga Jehofa ba ema ba tsepame fa fatshe go omeletse, fa gare ga Joretane, mme Baiseraele botlhe ba kgabaganya mo lefatsheng le le omeletseng, ga tsamaya morafe otlhe wa kgabaganya Joretane. |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa