Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yehoshue 13 - BAEBELE e e Boitshepo


Lefatshe le le santseng le na le go tsewa

1 Jaana Jošua o ne a tsofetse, a le dinyaga di le dintsi; mme Jehofa a mo raya, a re: “O tsofetse, o dinyaga di dintsi, mme go sa na le lefatshe le letona le le nang le go ruiwa.

2 Lefatshe le le sa ntseng le setse ke le: Lefatshe lotlhe la Bafilisitia, le la Bagešure lotlhe;

3 go tswa Shihore o o amanang le Egepeto, go ya fela kwa molelwaneng wa Ekerone ntlheng ya botsheka, o o balelwang Bakanana; barena ba batlhano ba Bafilisitia; Bagasa, le Baašetote, le Baašekelone, le Bagite le Baekerone;

4 le bone Baafime, ntlheng ya borwa; lefatshe lotlhe la Bakanana, le Meara o e leng wa Basitone, go fitlha kwa Afeke, kwa molelwaneng wa Baamore;

5 le lefatshe la Bagebale, le Lebanone otlhe ntlheng ya botlhabatsatsi, go tswa Baalagate fa tlase ga thaba ya Heremone go ya kwa botsenong jwa Hamathe:

6 Banni botlhe ba lefatshe la makgabana, go tswa Lebanone go ya Miserefothe-maime, e bong Basitone botlhe; bone, ke tlaa ba lelekela kwa ntle fa pele ga bana ba Iseraele; mme lefatshe o le abele Iseraele ka bola go nna boswa, jaaka ke go laotse.

7 Ke gone jaana, kgaoganya lefatshe boswa mo ditsong tse di ferang o le mongwe, le ntlha e nngwe ya lotso lwa ga Manase.”


Go kgaoganngwa ga lefatshe le le kwa botlhabatsatsi jwa Joretane

8 Barubene, le Bagate ba amogetse nae boswa, jo Moše o bo ba neileng kwa moseja ga Joretane, ntlheng ya botlhabatsatsi, fela jaaka Moše motlhanka wa ga Jehofa a ne a ba naya;

9 go tswa Aroere o o fa losing lwa molapo wa Arenone, le motse o o fa gare ga molapo, le lobala lotlhe lwa Meteba go ya Dibone;

10 le metse yotlhe ya ga Sihone kgosi ya Baamore, yo o ne a busa mo Hešebone, go ya molelwaneng wa bana ba ga Amone;

11 le Gileate, le molelwane wa Bagešure, le Bamaaka, le thaba yotlhe ya Heremone, le lefatshe lotlhe la Bašane go ya Saleka;

12 bogosi jotlhe jwa ga Oge mo Bašane, ene yo o ne a busa mo Ašetarothe le mo Eterei, (ke ene yo o ne a setse wa bosalela jwa Barefaime); gonne bao Moše o ne a ba kgemetha, a ba leleka.

13 Le fa go ntse jalo bana ba Iseraele ba se ka ba leleka Bagešure, le fa e le Bamaaka; Gešure le Maaka ba aga mo gare ga Iseraele, nako e sa le eno.

14 Lotso lwa ga Lefi ke lone losi lo o se kang a lo naya boswa; ditshupelo tsa ga Jehofa, Modimo wa Iseraele, tse di dirwang ka molelo, ke tsone boswa jwa gagwe, jaaka a buile nae.


Lefatshe le le neilweng Rubene

15 Moše a abela lotso lwa bana ba ga Rubene ka fa ditshikeng tsa bone.

16 Molelwane wa bone o le go tswa kwa Aroere, o o fa losing lwa molapo wa Arenone, le motse o o mo gare ga molapo, le lobala lotlhe lwa Meteba;

17 Hešebone, le metse yotlhe ya teng e e mo lobaleng; Dibone le Bamothe-baale, le Bethe-baalemeone;

18 le Jahase, le Ketemothe, le Mefaathe;

19 le Kiriathaime, le Sibema, le Serethe-šahare mo thoteng ya molapo;

20 le Bethepeore, le meripo ya Pisega, le Bethe-ješimothe;

21 le metse yotlhe ya lobala, le bogosi jotlhe jwa ga Sihone, kgosi ya Baamore, yo o ne a busa mo Hešebone, yo Moše o ne a mo kgemetha le bagolwane ba Midiane, Efi, le Rekeme, le Sure, le Hure, le Reba, le dikgosana tsa ga Sihone, tse di ne di agile mo lefatsheng leo.

22 Le ene Balaame morwa Beore, wa moitseanape, bana ba Iseraele ba mmolaya ka tšhaka, mo gare ga ba bangwe ba ba bolailweng ke bone.

23 Molelwane wa bana ba ga Rubene e ne e le Joretane, le mola wa one. Joo e ne e le jone boswa jwa bana ba ga Rubene ka fa ditshikeng tsa bone, metse le metsana ya gone.


Lefatshe le le neilweng Gate

24 Moše a naya lotso lwa Gate, bana ba ga Gate ka fa ditshikeng tsa bone.

25 Molelwane wa bone e le Jasere, le metse yotlhe ya Gileate, le bontlhanngwe jwa lefatshe la bana ba ga Amone, go ya kwa Aroere o o amanang le Raba;

26 le go tswa Hešebone go ya Ramathe-misepe, le Betonime; le go tswa Mahanaime go ya molelwaneng wa Debire;

27 le mo molapong, Betheharame, le Bethenimera, le Sukothe, le Safone, mo go setseng ga bogosi jwa ga Sihone kgosi ya Hešebone, Joretane le mola wa one go ya fela kwa bofelong jwa lewatle la Kinerethe kwa moseja ga Joretane, ntlheng ya botlhabatsatsi.

28 Jo ke jone boswa jwa bana ba ga Gate ka fa ditshikeng tsa bone, metse le metsana ya teng.


Lefatshe le le kwa botlhaba jwa Manase

29 Moše a abela bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase boswa; ya bo e le jwa bontlhanngwe jwa lotso lwa bana ba ga Manase ka fa ditshikeng tsa bone.

30 Molelwane wa bone o ne o tswa Mahanaime, lefatshe lotlhe la Bašane, bogosi jotlhe jwa ga Oge kgosi ya Bašane, le metse yotlhe ya Jaire e e mo Bašane, metse e le 30;

31 bontlhanngwe jwa Gileate, le Ašetarothe, le Eterei, metse ya bogosi jwa ga Oge mo Bašane, e ne e le ya bana ba ga Makire morwa Manase, e bong bontlhanngwe jwa bana ba ga Makire ka fa ditshikeng tsa bone.

32 Ke one maswa a Moše o ne a a aba mo dipaleng tsa Moabe, kwa moseja ga Joretane fa Jeriko, ntlheng ya botlhabatsatsi.

33 Lotso lwa ga Lefi, Moše a se ka o lo naya boswa bope; Jehofa Modimo wa Iseraele ke ene boswa jwa bone, jaaka a buile nabo.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan