Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Yehoshue 11 - BAEBELE e e Boitshepo


Go fenngwa ga jabine le lekoko la gagwe

1 Ga dirala ya re Jabine kgosi ya Hasore a go utlwela, a roma kwa go Jobabe kgosi ya Matone, le kwa kgosing ya Shimerone, le kwa kgosing ya Akešafe,

2 le kwa dikgosing tse di neng di le ntlheng ya botsheka mo lefatsheng la makgabana, le mo Areba o o potileng Kinerothe ntlheng ya borwa, le mo lefatsheng le le kwa sekhuting, le mo maroteng a Dore, ka fa bophirimatsatsi,

3 kwa go Bakanana, ba botlhabatsatsi le ba bophirimatsatsi, le go Baamore le Bahite, le Baperise, le Bajebuse, mo lefatsheng la makgabana, le kwa go Bahife fa tlase ga Heremone mo lefatsheng la Misepa.

4 Ba bolola, bone le dintwa tsotlhe tsa bone, batho ba le bantsi fela jaaka mošawa o o fa losing lwa lewatle ka bontsi, ba na le dipitse le dikara tsa tlhabano di le dintsi thata.

5 Dikgosi tse tsotlhe tsa kopana; tsa fitlha tsa thibelela mmogo fa metsing a Merome, di tla go tlhabana le Iseraele.

6 Jehofa a raya Jošua, a re: “O se ka wa boifa ka ntlha ya bone, gonne e tlaa re ka moso go riana, ke tlaa ba neela fa pele ga Baiseraele ba bolailwe botlhe; o rafole dipitse tsa bona mesifa; o fise dakara tsa bone tsa tlhabano ka molelo.”

7 Jalo Jošua, a na le batho botlhe ba tlhabano, a bolola, a tla mo go bone ka tshoganetso fa metsing a Merome, mme a ba phagelela.

8 Jehofa a ba tsenya mo seatleng sa Iseraele, ba ba kgemetha, ba ba alola ba ya go fitlha kwa Sitone o mogolo, le kwa Miserefothe-maime, le kwa molapong wa Misepe ntlheng ya botlhabatsatsi; ba ba kgemetha, ba se ka ba ba tlogelela ope.

9 Jošua a ba direla jaaka Jehofa a mo laotse; a rafola dipitse tsa bone mesifa, a fisa dikara tsa bone tsa tlhabano ka molelo.

10 Jošua a menogela kwa morago ka baka loo, a thopa Hasore, a bolaya kgosi ya teng ka tšhaka; gonne e rile gale Hasore ya bo e le tlogo ya magosi ao otlhe.

11 Ba kgemetha mewa yotlhe e e neng e le mo go one ka bojetla jwa tšhaka ba e senyetsa ruri; go se ka ga sala ope yo o hemang mowa; a fisa Hasore ka molelo.

12 Le metse yotlhe ya dikgosi tseo, le dikgosi tsa yone, Jošua a di tsaya a di kgemetha ka bojetla jwa tšhaka, a di senyetsa ruri, jaaka Moše motlhanka wa ga Jehofa a laotse.

13 Mme ka ga metse e e neng e eme mo dithotaneng tsa one, Baiserele ba se ka ba fisa ope wa yone, fa e se Hasore osi; one Jošua a o fisa.

14 Thopo yotlhe ya metse eo, le matlhape, bana ba Iseraele ba di itseela thopo; mme batho, ba ba kgemetha botlhe ka bojetla jwa tšhaka, ga tsamaya ba ba senya, le gone ba seka ba tlogela ope yo o hemang mowa.

15 Jaaka Jehofa a laotse Moše motlhanka wa gagwe, Moše a laola Jošua jalo; Jošua a dira jalo; a se ka a tlogela sepe se sa dirwa sa dilo tsotlhe tse Jehofa o di laoletseng Moše.


Jošua o thopa lefatshe lotlhe

16 Jalo Jošua a thopa lefatshe lotlhe leo, lefatshe la makgabana, le ntlheng ya borwa gotlhe, le lefatshe lotlhe la Gošene, le le le kwa sekhuting, le Areba, le lefatshe la makgabana a Iseraele; le le le kwa sekhuting sa lone;

17 go tswa thabeng ya Halake, e e kwa Seire, go ya fela kwa Baalagate mo molapong wa Lebanone fa tlase ga Heremone, mme a thopa dikgosi tsotlhe tsa one, a di kgemetha, a di otlela fela.

18 Jošua a nna a tlhabana le dikgosi tseo tsotlhe fela ka lobaka lo loleele.

19 Go ne go se na motse ope o o dirileng kagiso le bana ba Iseraele, fa e se Bahife banni ba Gibeone; ba thopa gotlhe ka ntwa.

20 Gonne e ne e le go rata ga Jehofa go thatafatsa dipelo tsa bone, gore ba bololele Iseraele ka ntwa, gore a ba senyetse ruri, gore ba se ka ba bona tumelelesego epe, fa e se gore a ba senye, fela jaaka Jehofa a laotse Moše.

21 Jošua a tla ka baka loo, a kgaola Baanake mo lefatsheng la makgabana, mo Heberone, mo Debire, le mo Anabe, le mo lefatsheng lotlhe la Juta la makgabana, le mo lefatsheng lotlhe la Iseraele la makgabana; Jošua a ba senyetsa ruri le metse ya bone.

22 Ga go a ka ga sala ope wa Baanake mo lefatsheng la bana ba Iseraele, fa e se mo Gasa, mo Gathe le mo Ašetote, ga sala bangwe gone.

23 Jalo Jošua a thopa lefatshe lotlhe ka fa go tsotlhe tse Jehofa o ne a di bua le Moše; mme Jošua a le naya Iseraele go nna boswa ka fa dikgaoganong tsa ditso tsa bone. Mme lefatshe la bona boikhutso mo ntweng.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Lean sinn:



Sanasan